Ditlhare di botlhokwa
21 Mar 2013
Batho ba Maratswane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng botlhaba ba atlile mogopolo wa badiredi ba ofisi ya banana kwa Letlhakeng, wa go ba lemela ditlhare ka mefuta ya tsone mo kgotleng ya motse oo bosheng.
Modiredi wa ofisi ya banana, Mme Hellen Masolotate o tlhaloseditse morafe gore puso e ne ya tswa ka mogopolo wa gore badirela puso e re gangwe mo kgweding ba tswe ka diofisi go direla morafe kwa metseng ya bone, ka moono wa gore morafe le bodiredi bo tshwaragane, ka go ka ntsha maduo a a bonalang.
Mme Masolotate o tsweletse a tlhalosa gore ene le ba ofisi ya gagwe ba ne ba bona go le botlhokwa thata go lemela morafe wa motse wa Maratswane ditlhare mo kgotleng ka ba bone go sena ditlhare dipe.
O tlhalositse gore botlhokwa jwa go lema ditlhare bo mefuta, a kaya fa setlhare se le mosola ka se sireletsa dikago mo diphefong tse di tsubutlang.
O tladitse ka gore kwa ntle ga go sireletsa dikago mo diphefong, ditlhare di ka nnwa moriti, di kgabisa fa tse dingwe di jewa maungo.
O file sekai ka sengwe sa ditlhare tse ba neng ba di lema sa moringa, se a reng se ka dirisiwa jaaka molemo wa mhikela.
O kaile fa ba lemile tse dingwe kwa Monwane e ntse e le mo kgaolong eo ngogola, mme a supa fa a tshwenngwa ke gore morafe ga o rekegele go di tlhokomela sentle ka o akanya fa e le tsa badirela puso.
O tlhalositse gore ditlhare tseo ba a bo ba di lemela morafe go sologela motse molemo.
O rotloeditse banni ba motse oo go tlhokomela ditlhare tse jaaka ebile di le mo kgotleng, a gatelela gore di tlaa ba thusa ka moriti, maungo, go ba kgabisetsa kgotla le go thibela diphefo.
O kopile banana thata go lemoga botlhokwa jwa go lema ditlhare, ba bo ba kgatlhegele go di tlhokomela le go ithuta ka tsone a kaya fa di ka namola lehuma, a tlatsa ka gore ba ka anywa botsipa ba bo ba dira dikgwebo tsa go lema ditlhare ba di rekisa.
Mogolwane wa motse, Rre Bakhana Lekgela o opetse ofisi ya banana legofi go bona go le botlhokwa go ba lemela ditlhare mo kgotleng.
O tlhalositse gore kgotla eo ka e sa le ntsha, ga go na fa morafe o bonang moriti teng fa o le mo phuthegong, mme a kopa morafe wa motse oo go tlhokomela ditlhare tse ka e le tsa motse wa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boikobo Keboetetse
Location : LETLHAKENG
Event : Boithaopo
Date : 21 Mar 2013






