Monana o galaletsa YDF
05 Mar 2015
Monana wa kgotla ya Dilaene kwa Mahalapye o galaleditse lenaneo la banana la YDF le a tlhalositseng fa le ne la mo rotloetsa ka madi a a kanang ka dikete di le masome a robabongwe le borobabongwe a dipula go simolola kgwebo ya gagwe ya bodiragatsi.
Rre Patrick Ketshabile wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro, are toro ya gagwe ya go nna modiragatsi ene ya fetoga go nna boammaaruri, gotsweng letsatsi le a neng a amogela thuso e.
O kaile fa a ne a reka diletso tse di tona tse di letsa mo medirong gammogo le diletswa tse di farologanyeng di akaretsa katara, key board le tse dingwe.
Rre Ketshabile yo e leng modiragatsi wa moepelo wa sekeresete e bile a na le moopelo ao a setseng a o gatisitse ka ngwaga wa 2009, a re o godile a ntse a na le lorato le le tseneletseng la moopelo.
A tlhalosa gore ka se, o ne a seka a ipona tsapa go ka tsweledisa talente ya gagwe ka go tsenelela khwaere ya sekolo jaaka a ne a le kwa sekolong se sebotlana.
A re o tsweletse fela jalo a opela mo khwaereng le kwa kerekeng ya gagwe ya Assemblies of God, kwa a tlhalositseng fa a ne aa bona kgolo mo talenteng ya gagwe teng.
O kaile fa kopelo e le selo se se gaufi thata le pelo ya gagwe, ka jalo mo go ene e tshwana fela le go hema , o gateletse boleng jwa kopelo mo botshelong ja gagwe a lekalekanya botlhokwa jay one le jwa go tshela.
“moopelo o botlhokwa fela thata ka gore fa go le monate re itumetse re a opela, fa go le botlhoko re hutsafese le gone re opela kgalaletso le go isa kgomotso ka kopeleo ebile kopelo e sidila maikutlo”.
Le fa go ntse jalo Patrick are mo loetong la gagwe la moopelo, o gwetlhiwa thata ke moopelo wa bagaka ba moopelo wa sekeresete go tswa Aforika Borwa e bong Keke le Desmond Dube.
A re kopelo ya bobedi jo e mo tiisa moko le go mo gwetlha go dira ka bokgabane fa go tla mo go tsa kopelo.
Rre Ketshabile are o berekile le borre ba tshwana Kitso Mauchasa yo gape eleng ene a neng a golola alebamo ya gagwe ya ntlha e eneng e dbidiwa fela jalo gotwe , “Ke tshephile wena,” le moruti Thuso Tiego gareng ga ba bangwe.
Le fa go ntse jalo a re moopelo o one wa seka wa dira sentle ka mabaka a dikgwetlho tse dib a lebanyeng e le baopedi di akaretsa go ntsifatsa dikhasete mo go seng ka fa molaong mo go ba jesetsang mo lesweng e le badiragasi ka moopelo wa bone o itsamaela sesolo lentswa ba senyegetswe ke madi go o gatisa.
A re selo sengwe se a se itemogetseng ke gore boranyane bo ntse bo golela pele ka jalo malatsi a go botlhokwa go golola khasete o e patagantse le kopelo ya dibaesekopo ka malatsi a Batswana ba dumela mo go lebeleleng thata gona le go reetsa lentswe bas a bone mong.
Ka jalo a re selo se mo pakeng e e latelang fa a golola moopelo wa gagwe o tla a se tsibogela.
Rre Ketshabile a re o tshwentswe ke go bo Batswana bas a fe mmino wa sekeresete thotloetso e e kgotsofatsang.
Are se se supiwa ke gobo ba dira ditiro tsa boitlhaopo e ele badiragatsi ba mo gae mo meletlong ya maphata a puso mme fa go go nna le melelo e megolo e go tlhokang go tlhapa badiragatsi baa a fetogela mme ba tlhape ba kwa ntle ba go tweng ba ka ngoka sechaba.
O kaile fa a diragatsa mo manyalong le mo meletlong ka go farologana mme e bile nako tse dingwe a hirisa tsone di letso tsa gagwe mo medirong.
Are lentswa kgwebo e e tsenya madi sebe sa phiri ke gore e dira sentle fa go le malatsi a boikhutso go na le motseletsele ya meletlo.
O tlhalositse fa ban a le kgwelho ya baphadisanyi ba ba rekileng diletswa tse di seng turu tsa machiena mme ba inaakantse nabo mo mmarakeng ka ebile bone bas a ture ka jalo ba latlhegelwa ke theko.
Le gontse jalo o kaile fa go le botlhokwa gore bareki ba bone ba ise gore diletso tsa tlhwatlhwa di ntsha modumo o o kwetsepa ebile go botlhokwa go hirisa diletso tsa mohuta o go itsa go ya go segwa tsebe ke diletswa tsa melotsana e e sa nnang sentle o ne o re o somarela madi.
E re ka Motswana a rile metlhale ya khumo e mafaratlhatlha, e tlhoka balatedi, Rre Ketshabile ya bo e le monana yo o sa emiseng go lora. A re maikaelelo a gagwe ke go bula madirelo la moopelo, ka a lemogile gore mo kgaolong ya legare ba a latela kgakala ko Gaborone le metse e mengwe e metona.
O kaile fa maikaelelo a gagwe e le go rekisa diletswa ka go farologana, dibuka tsa moopelo gammogo le moopelo ka go farologana ga one mme se se tona a rulaganya dithuto tsa go lshameka diletswa tseo.
Rre Keshabile are dithuto tse di ta a bo di itebagantse le baithuti ka a lemogile fa lore le ojwa lo sa le metsi ka jalo tlhaloganyo tsa bana di tshwara ka pela go na le bagolo. A re lentswa a tla a bo a itebagantse le bana ga a kgaphele bagolo ba ba nang le lorato la kopelo ntle le bone o tla a bo a ba rulaganyeditse.
Kwa bofelong o kaile fa a santse a apeile pitsa ya moopelo o a ikaelelang go o golola ka kgwedi ya moranang ka jalo o gwetlhile Batswana go ipaakanyetsa go o amogela ka lorato. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 05 Mar 2015






