Breaking News

Go gataka tsamaiso go borai

05 Mar 2015

Makhanselara le bogogi jwa khansele potlana ya Mabutsane ba gakolotswe gore go gataka tsamaiso ya dikhansele ka dinao  go ka nna le ditlamorago tse di sa ba  siameleng. 

Se se builwe bosheng mo thuto seka dipusanyo e e ne e tshwaretswe kwa Jwaneng.

Mothusa mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Ngwaketse, Rre Kruger Balosang a re molao o papametse gore fa khansele e itlhokomolosa tsamaiso e e beilweng,Tautona o ka tsaya tshwetso ya go  phatlalatsa khansele eo mme a bo a itlhophela ba a bonang ba na le bokgoni jwa go  goga khansele  kwa ntle ga ditlhopho.

O ne a fa dikai ka makhanselara mangwe a a reng  ba itlhokomolosa go tsenelela diphuthego tsa khansele.  A re makhanselara ba tshwanetse go itse tsamaiso le go e sala morago  go nale le go dira dilo tsa bone ka nako ya khansele.

 “Ga gona mokhanselara yo o tshwanetseng go salwa morago go dira tiro e a e tlhophetsweng,” o ne a tlatsa. 

Are mo mabakeng a mangwe makhanselara ba itlhokomolosa melao le ditshetlana tse di beilweng go ba kaetsa ka fa tsamaiso e ntseng ka teng,mme a tlhalosa gore go ka  nna diphatsa mo go bone.

Rre Balosang are makhanselara ba tshwanetse go kgaphela sepolotiki ko ntle fa ba tsena mo khanseleng ka jaana ba romilwe go emela dikeletso tsa batho. O ne a ba gakolola  gore tiro ya bone ke go buisana le sechaba go utlwa matshwenyego a bone, le go ba thusa go rarabolola mathata a bone ka go ba  kopanya le maphata a khansele a a maleba.

 A re dikhansele di tlhametswe go atumetsa ditirelo ko sechabeng mme o ne a kgothatsa bodiredi go bereka ka natla go netefatsa seo. Rre Balosang yo gape a kile a nna mokwaledi wa khansele, are bodiredi jwa khansele bo tshwanetse go berekisanya sentle le makhanselara go direla sechaba.

O ne a kgala seemo se bodiredi bongwe bo ntsha makhanselara a a itlhophetsweng  ka luso logolo ba gana go ba fa dithuso tse ba di tlhokang. “Makhanselara a a itlhophetswe a lekana fela le ba ba tlhophilweng ke sechaba, ka jalo le tshwanetse go ba thusa ka go lekana” a tlhalosa. 

O ne a tswelela a tlhalosetsa phuthego eo gore khansele e bereka thata ka dikomoti tse di farologaneng, mme a ba kgothatsa go nna le seabe mo dikomiting tseo.  A re dikomiti di tshwanetse le tsone tsa tlhoafalela go dira tiro ya tsone gore maduo a khansele a kgone go bonala.

O ne a kgothatsa baduladitilo ba dikhansele go tsaya boikarabelo jwa gore tiro e a dirwa gore ditirelo di kgone go goroga ko sechabeng. E ntse e le ko phuthegong eo,mothusa mokwaledi wa khansele ya Kanye Rre Senatla Rutherfod o ne a kgothatsa gore go nonotsha bodiredi ke motswako wa katlego.

A re go botlhokwa gore moeteledipele a nne kutlo le go berekisanya sentle le batho. A re Makhanselara jaaka baeteledipele, ba tshwanetse go nna le mowa wa neelano le go nna le nako ya go nna le batlhophi ba bone go utlwa matshwenyego a bone.

Rre Rutherfod are moeteledipele wa tlhwatlhwa  tshwanetse go tlotla batho gore batho ba tle ba kgone go mmulegela fa ba na le mathata.

O ne a tlhalosa gore boikgogomoso bo dira gore tirisanyo mmogo e seka ya nna teng mme maduo a tiro le one  a bo a ya ko tlase. “Moeteledipele fa a  bereka  le batho o tshwanetse a ba tlhokomela le go ba  tlhola” a tlatsa. Maikaelelo a phuthego eo ya malatsi mararo e ne e le go tlhatlhelela makhanselara le bogogi ka ditsamaiso tsa khansele le gore ba ka bereka jang go isa ditlamelo ko sechabeng ka bofefo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebogang Baingapi

Location : JWANENG

Event : Thuto-puisano

Date : 05 Mar 2015