Kgosi Moitoi o tlhokafetse
04 Mar 2015
Kgosi Albert Moitoi wa Leshibitse o tlhokafetse morago ga go kubugelwa ke bolwetse mo bekeng e e fetileng.
E rile kgosi George Thwane wa Artesia a latola Kgosi Moitoi, a tlhalosa fa e ne ya re ka Labone wa beke e e fetileng (26/02/2015) a ragosediwa kwa kokelong ya Artesia ka diamaramara mme morago a fetisediwang kwa Bokamoso Private Hospital.
Kgosi Thwane a re e ne ya re mo mosong wa letsatsi le le latelang la Labotlhano (27/02/2015) ba latolelwa Kgosi Moitoi.
A re e ne ya re mo letsatsing la Labobedi (03/03/2015) ba ya go latolela morafe kgosi ya bone mme a supa fa seo e le tsamaiso ya Setswana gore fa kgosi a tlhokafatse o latolelwa kwa kgotleng gore morafe o boloke kgosi ya bone.
Kgosi Thwane a re go botlhokwa thata gore mo nakong ya kutlobotlhoko e e apereng batho ba motse wa Leshibitse go nne le thitibalo le kagiso mme a kopa banana go itshwara sentle.
A re dithulaganyo tsa phitlho di tsweletse mme Kgosi Moitoi o tlaa bolokwa ka Matlhatso (07/03/3015) go ne kwa motseng wa gagwe.
O ne a tlatsa ka gore e tlaa re gompieno ba dire tirelo ya segopotso sa ga Kgosi Moitoi kwa kgotleng ya motse oo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Leso la kgosi
Date : 04 Mar 2015