Makhanselara ba lemotshitswe seabe sa bone
04 Mar 2015
Modulasetilo wa Khansele potlana ya Boteti Rre Solomon Cornilius o gakolotse makhanselara gore seabe sa bone e le makhanselara ke go netefatsa gore matshelo a setshaba se se ba rumileng a a tokafala.
Rre Cornilius o buile jalo fa a simolodisa dipuisano tsa khansele tsa bobedi, e bile e le tsa bofelo tsa ngwaga wa madi wa 2014/2015 tsa kgaolo potlana ya Boteti ka Mantaga kwa Letlhakane, a re ba ka dira jalo ka go netefatsa gore batho ba ba romileng ba akola mananeo a a teng a puso,a nyeletso lehuma, SHHA,ipelegeng,le lenanaeo la banana le a mangwe.
Modulasetilo o supile fa gape ba tshwanetse go buisana ka dikgang tse di ba amang le matshwenyego a setshaba sa Boteti, a supa fa e le phuthego ya gagwe ya ntlha go atla thulaganyo le mananeo tse di dirwang mo kgaolong potlana ya Boteti.
Rre Cornilius a re mananeo a tsweletse sentle le ntswa go na le dikgwetlho ka go farologana, a tlhalosa fa lenaneo la go agela batlhoki matlo le tsweletse ka jalo mo matlong a le lesome le bobedi a baneng ba a filwe a le lesome le bone a fedile fa a ma rataro o ne a le gaufi le go wediwa.
E rile a itebaganya le thuto a tlhalosa fa lenaneo la thuto ya bananyana ba ba dingwaga tse nne le simolotswe mo dikoleng di le nne, jaanong go okeditswe ka tse nne gape, go nna borobabobedi, a tlatsa ka gore le ntswa maduo a dikole dingwe tsa Boteti a sa itumedise ba galaleditse sekole se se golwane sa Orapa se se tsweletseng ka go gapa maemo a ntlha mo dingwageng ka go latelelana.
Rre Cornilius a re lefa go ntse jalo maduo a dikole tsa Boteti a ko tlase a bolela fa ba dule ka megopolo e ka yone ba ka tlhabololang go ruta le go ithuta gore maduo a tokafale, a re ba ya go dira jalo ka go sala morago thuto ya bana, gammogo le go ruta ga barutabana, ba dira dithuto-puisano tsa lenaneo la thuto le lesha.
O kopile makhanselara go thusa bogogi jwa dikole ka go kgothatsa batsadi go kgatlhegela thuto ya bana ba bone, a tlatsa ka gore boimana jwa banana ke kgwetlho mo kgalong ya Boteti,jo a reng bo ama bana ba sekole ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le botlhano le lesome le boferabongwe (15-19).
Modulasetilo o tsweletse ka gore kgwetlho e ya go ima ga banana ga e kake ya fenngwa fa batsadi ba santse ba sireletsa banna ba ba senyetsa bokamoso, a re nako e tsile ya gore molao o dirwe mo bathong ba ba sireletsang badira molato. A bo a kopa bogogi jwa dikole. bommaboipelego le mapodisi go netefatsa gore badira molato ba ba isiwa fa pele ga lekgotla.
Rre Cornilius o ne a kopa makhanselara go nna le tirisano mmogo,ba bereka mmogo ba le seopo sengwe, lentswa ba na le kgwetlho, a re ba fetole dikgwetlho tse mme a ba eleletsa dipuisano tse di nang le maduo.
Mokhanselara wa kgaolo ya Khumaga/Moreomaoto Rre Tomas Kgethenyane o ne a gakola modulasetilo go dirisana le bone go tsaya dikgakolo gore ba tle ba bone tswelelopele mo khanseleng ya bone a bo a mo kopa gore a seka a bolelelwa dilo fela a tsamaye le kgaolo go bona tswelelo ya mananeo le ditlhabololo.
Rre Kgethenyane o ne gape a kopa modulasetilo go dirisa nako, le dithata tsa gagwe go tsamaisa khansele ba tlaa mo ema nokeng ka dinako tsotlhe.
Mokhanselara wa Tsienyane Bophirima Mme Batoli Manyoni o ne a lebogela mananeo le ditlhabololo tse di dirilweng mo kgaolong ya gagwe. Mme Manyoni o supile lethswenyego la metsi a a nkgang le a reng ke kgang ya malatsi otlhe ka jalo a kopa gore ba lephata la metsi ba ye ko setshabeng go ba tlhalosetsa ka mathata a metsi.
Mme Manyoni o kopile gore ditlou di ntshiwe mo tikologong ka di senyetsa batho, a tlhalosa fa batho ba kgaolo ya gagwe ba kgatlhegela temo mme jaanong ba kgoreletswa ke ditlou,a tlatsa ka gore le dituelo tsa phimolo dikeledi fa di ba senyeditse kana ba jetswe leruo ke diphologolo di diega. Makhanselara a ngongoregile gape ka (BTV) gore ga ba tseye dikgang tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 04 Mar 2015






