Breaking News

Tlhaelo ya ditsompelo e diga maduo a thuto

04 Mar 2015

Makhanselara a kgaolo potlana ya Serowe ba re kgaolo ya bone e na le kgwetlho e tona ya kwelo tlase ya maduo a thuto mo dikolong bogolong jang thata tse di potlana.

Ba buile se, fa ba akgela mo mafokong a modulasetilo wa khansele potlana ya kgaolo ya bone, Rre Mpho Kooreme fa a bula khansele eo mo bekeng eno.

Ba kaile fa letlhoko la didirisiwa le matlo a bonno jwa barutabana bogolo jang ba dikole tse di kwa dikgaolong tse di mo tikologong ya Serowe di baka gore maduo a bana a seka a nametsa. 

Fa a tswa la gagwe mokhanselara wa Serokolwane Rre Setlalekgosi Molefhi, o tlhalositse fa go tswala ga sekolo se se botlana sa Riverside mo Serowe go na le seabe mo thutong ka bana ba tshwanelwa ke go latela thuto kgakala.

Rre Molefhi a re se, se baka gore ka paka ya dipula bana bangwe ba seka ba ya sekolong ka go na le molapo.

O boletse gape fa kgaolo ya gagwe e tletse matlotla a mantsi, a e bileng mangwe a one e leng dikago tsa puso, ka jalo o kopile khansele le ba ofisi ya ga molaodi go tsibogela se, ka jaana matlotla a a baka borukutlhi jo bo kwa godimo ka gore dilalome di iphitlha teng. 

Rre Molefhi a re e sale ka a tsena mo kgaolong ya gagwe ka ngwaga wa 2009 ga go ise go nne le ditlhabololo dipe ka gore go nna go twe ga go na madi mme dilo tse dingwe di tshwanetse go sekasekwa go seka ga bewa fela mo go reng ga go na madi.

Rre Entletse Boitshwarelo wa Mmashoro ene o ne a gatelela kgang ya thuto a re ene o tshwenngwa ke gore go na le bo mmamanthwane ko dikolong le kwa matlong a bonno a barutabana.

Rre Boitshwarelo a re kgang e e a tshwenya ka gatwe ba seka ba bolaiwa, ntswa monko wa bone (bommamanthwane) ba kgoreletsa thuto ya bana. 

E ntse e le ka thuto, o ne a tlhalosa fa maduo a bana a le kwa tlase ka go bo barutabana ba lebagana le bana ba ka nna masome a mane, selo se a reng se imela morutabana. A re puso e ka bo e laola seemo se mme morutabana a itebaganya le bana ba le masome a mabedi le botlhano fela.

Mo go tse dingwe Rre Boitshwarelo o ne a tswelela a bua ka go tlhoka tirisanyo mmogo ga komiti ya ditlhabololo tsa motse le bone.

A re dikomiti tse, di tshwanetse tsa bereka mmogo le bone ka botlhe e le boeteledipele ja metse ya bone mme e bile ba batla ditlhabololo mo metseng.

O ne a kopa khansele potlana ya Serowe gape go sekaseka seemo sa gore motse wa Mmashoro o a gola ka jalo o tlhokana le bo mmaboipelego ba ka nna babedi.

A re fa ba ka nna babedi gongwe ba ka thusana tiro e bile ba kgona go anamisa mananeo a nyeletso lehuma sentle.

Mokhanselara wa Patikwane Mme Atsenye Kabelo ene e rile a tswa la gagwe, a re letlhoko la ditsela ke kgwetlho e tona kwa kgaolong ya gagwe.

Mme Kabelo a re motse wa Paje o kgaogane ka jalo batho ba sokola go tsamaela ntlheng e nngwe ya motse ka go sena ditsela e le mebila fela e e reng ka nako ya dipula e bo e sa tsamaege.

O ne a tlatsa ka gore go kilwe ga tshelwa seloko mo ditseleng gotwe di a tokafatswa mme seo se ne sa seka sa dira phetogo epe,a re o ne a kopa gape gore a go ka se tshelwe tsela motlhaba. 

Mme Kabelo o kopile gore mananeo a tshwana le la ipelegeng ga a dirisiwe sentle, ka ke one a ka bong a thusa go dira ditsela le tse dingwe e seng go tlhola a kgetletse bojang ruri jaaka a bona ba kgaolo ya gagwe ba dira.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Connie Marage

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 04 Mar 2015