Breaking News

Mothetho o itshidila maikutlo ka go loga

04 Mar 2015

Mme Alakanani Mothetho, yo o dingwaga tse di masome a marataro mme a itsege thata mo motseng wa Masunga ka leina la Mma Keneilwe, a re sepatela sa Jubilee se mo file kitso e bile le boswa jo a tla se kitlang a bo latlha le fa a ka ralala dikgwetlho tse di ntseng jang.

Mo potsolotsong le lekala la dikgang la BOPA ka Mosupologo, Mme Mothetho, yo o tshelang ka bogole, o tlhalositse fa go loga mo a go amuleng mo mooking mongwe ka nako tsa fa a robaditswe kwa sepateleng sa Jubilee kwa Francistown ka 1964.

A re go ne ga mo thusa fela thata mo lwapeng ka e le yone fela tsela e a tsenyang madi ka yone mme go ne ga mo thusa go lebala dikgwetlho tsa botshelo ga mmogo le jone bogole jwa gagwe tota. 

Mme Mothetho o tlhalositse fa a ne a sa tsholwa ka bogole joo, ka jalo a ne a ithuta go loga e le tsela nngwe ya go itshidila maikutlo go amogela seemo sa gagwe morago ga go tlhagoga ga bogole.

O tladitse ka gore mme yoo wa mooki ko Jubilee, o ne a mo ruta botsipa jotlhe jwa go loga, mme e re ka le kgoro ya sekolo a ne a sa e itse, o ne a tshwanelwa fela ke go itshoka go ithuta go loga gore segolo e tle e nne yone tsela ya gagwe ya itshetso. 

Mme Mothetho o tsweletse ka gore go gololweng ga gagwe kwa kokelong ka ngwaga wa 1968, o ne a tsweledisa kitso ya gagwe ka go loga dijesi tsa bana, mebese le tse dingwe.

A re e re le ntswa a ne a thapiwa ke ba khansele ya kgaolo ya bokone botlhaba, ga a ka a ipona tsapa, o ne a tswelela fela gore a seka a latlhelegelwa ke kitso ya gagwe. 

Mme yo a re fa a santse a bereka, pele ga a latlhela ngogola, o ne kgona go tsenya letsenonyana ka a ne a rekisetsa babereki ka ene tse a di logileng. 

A re e re ka mo nakong ya gompieno a itlholela fela mo lwapeng, morago ga go tlogela tiro ka bogodi, o loga jaana go itlosa bodutu gape go dira gore a nne a itumetse ka nako tsotlhe.

Mme Mothetho a re e re le ntswa kgwebo e le kwa tlasenyana, o bona thotloetso e ntsi kwa go ba kereke ya gagwe ka a ba logela diaparo tse dingwe tsa kereke.

O tsweletse ka gore fa molwetsi a robaditswe, bontsi jwa bone ba latlhegelwa ke tsholofelo mme seo se ba kgobere le maikutlo, ka jalo go nna ba sidilwa maikutlo ka go rutuntshiwa ka dilo tse di farologanyeng, go le molemo fela thata ka go ka ba thusa go emisa go akanya mo go feteletseng.

Gape o tlhalositse fa ene a sa batle go nna mo-nale-bogole yo o tshelang ka go kopa, a re ke ka moo a itlamileng go itirela ka matsogo a gagwe. 

A re o loga diaparo tsa kereke, mebese, mesamo ga mmogo le yone mekgabisa ya mo ntlong. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 04 Mar 2015