Makhanselara ba ngongorega ka mafuti a matlakala
04 Mar 2015
Makhanselara a kgaolo potlana ya Boteti a ngongorega ka mafuti a matlakala a ba reng ga a a ipiwa golo mo go dirang gore matlakala a gasagasiwe ke phefo ka jaana go sa epiwa .
Ba ntshitse ngongorego e ya bone ko phuthegong ya dipuisano tsa khansele ya Boteti bosheng kwa Letlhakane,ba tlhalosa fa seemo sa mafuti a matlakala mo dikgaolong tsa bone se sa jese di welang,ba kopa gore go dirwe sengwe ka kgang e ka bonako.
Mokhanselara Xere Rre Aron Angliton o supile fa lefuti la matlakala la Rakops le le mo seemong se semaswe ka jaana ebile dikoloi tse di gopang maswe mo matlwaneng a boitiketso le tsone di tshela maswe mo go lone,atlatsa ka gore o ipotsa gore a khansele e itse ka seo.o ne gape a re lenaneo la go teratela masimo a Xere ga lena tema ka lebaka la gore ditlou di kgaola terata fa e sena go dirwa.
Mokhanserala wa Mokobaxane/Kedia Rre Orapeleng Dikgang ene a re lefuti la matlakala le le gologolo la Mokobaxane le katelwe ,ka jaana dirukuthi di iphitlha mo go lone le batho ba iphitlhela ba bangwe kwa go lone.o bile a re polase ya motse wa Kedia e na le dingwaga enetse e dirwa a botsang gore e ya go wela leng.
Makhanselara bane gape ba ngongorega ka go diega ga mananeo a a dirwang ka ipelegeng ,mo bareng gantse go bakiwa ke letlhoko la metsi,go phuagangwa ga ditiro di sa wela ,tlhaelo ya dikoloi go tsisa didirisiwa ,ba botsa go ya go dirwa jang, ka tlhaela ya dikoloi tsa ipelegeng ka seemo sa teng se kgoreletsa mananeo go tswelela.
Mokhanselara wa Xhumo/Mmakola Rre Elijah Motsamai o ne a supa letshwenyego la go tlhoka go wediwa ga leobo la kgotla le areng borulelo ja lone ga bo a kokotela ,mo bo kana ba tsewa ke phefo.
Mokhanselara wa Makalamabedi /Motopi rre Onkhuparetse Monnaatsie o ne a kopa go tlhalose gore lenaneo la go kgaola ditlhare ka fa thoko ga tsela kwa Makalamabedi le emisiditswe le gore le ya go tswelela leng
O ne gape a re Moloko a komiti ya motse( VDC )ga ba hapanele tiro Ipelegeng le bangwe bone ba berelela ruri fela ,a botsa gore a ke tsamaiso.
Mokhanselara wa Khumaga/Moreomaoto Rre Thomas Khethenyane a re lenaneo la Ipelegeng le bekwa ke banana,bagolo,ka jalo a re palo e ba e filweng ya masome a a ferang bongwe le bone (94) ga e lekane a kopa gore e okediwe.Makhanselara bane ba galaletsa lenaneo la Ipelegeng bare le thusa Batswana fela thata.
Mothusa Mokwaledi wa Khansele ya kgaolo potlana ya Boteti Rre Christopher Maramba o ne a ba tlhalosetsa gore mananeo a a dirwang ka Ipelegeng ba hira motho a le mongwe yo onang le kitso ya tiro ee dirwang ,a bo a bereka ka batho ba Ipelegeng.
Rre Maramba o boletse fa matshwenyego a ba kopang le o ne mo lenanaeo la ipelegeng ele tlhaela ya metsi ,borradikonteraka ba ba phuaganyang tiro e sa fela,babereki ba ipelegeng baba sa tseyeng tiro ka tlhawafalo, tlatsa ka gore ba tsibogela dikgwetlo tse gore mananeo a wele.
O tlhalositse gore maphata a mangwe a thusa Ipelegeng ka dikoloi a re ga gona madi a a ka rekelang ipelegeng dikoloi,ba a dima koloi ee gelela metsi kwa lephateng la ditsela go tshela mo dijojo tse di beilwe ko ditirong.mo mananeong aa phuagantsweng ba hira konteraka tse dingwe gore di wetse tiro
Rre Maramba a re kgangnyeng ya go oketswa ga dipala tsa babereki ba ipelegeng, go ntshiwa dipalo ka palo ya batho ba motse,a re makhanselara baka e ntsha e le mogopolo.o bile a re seemo sa mafuti a matlakala ke letshwenyego le letona la bone,atlatsa ka gore bane ba ikaeletse go reka mochine ,ga ba kgona ka lebaka la tlhaelo ya madi.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya dipuisano tsa khansele
Date : 04 Mar 2015