Magodu a apesitse barui kobo ka letshoba
04 Mar 2015
Barui kwa motseng wa Pitsane mo kgaolong ya Goodhope - Mabule ba lela ka bogodu jwa leruo jo bo ileng magoletsa mo motseng wa bone.
Ba ntshitse matshwenyego a bone kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo Rre James Mathokgwane.
Banni ba boletse fa bogodu jo bo akaretsa go utswiwa ga loruo jaaka dikoko, dipudi, dikgomo le dithoto tse dingwe jaaka dikoloi.
Baagi ba re se se ngomolang pelo ke gore ba setse ba iphotlhere ka jaana bontsi bo amogwa leruo la bone mo masakeng.
Rre Ngomi Amos yo e leng moagi wa Pitsane, o kopile morafe gore ba kopanele go lwantsha borukutlhi le mapodisi.
Rre Amos o tsweletse a re bogodu jo bo dirwa ke bana ba mo motseng ka jalo go tlhoka gore motsadi mongwe le mongwe a nne le seabe le go tsibosa ba sepodisi fa a belaela sengwe, bana ba kgalemelwe kana go tsewe dikgato tse di maleba.
O ne a tlatsa ka gore mapodisi a Pitsane a lobaka a berekela teng jaanong magodu ba setse ba itse metsamao ya ba sepodise gammogo le makoa ape fela a ba ka tswang ba a itemogetse mo go ba sepodise.
Go ya ka Mokhanselara wa Pitsane, Rre Lazarus Ncube mo potsolosong le ba lekalana la dikgang, o tlhalositse fa bogodu jo bo dirwa ke bana ba Pitsane ba kopane le ba Aferika Borwa.
O tlhomamisitse fa mo bogautshwaneng, ba ne ba amoga mongwe wa magodu ao dikgomo tse nne tse a neng a ya go di tlodisa molelwane.
Rre Ncube o rurifaditse jalo gore ba setse ba kgonne go tsaya dikgomo tsedi fetang lekgolo tsa bogodu tse di neng di tlodiseditswe kwa Aferika Borwa le dipudi di le masome a mararo le bone.
Le fa go ntse jalo, o tlhomamisitse fa bangwe ba beng ba diruiwa ba setse ba di neetswe.
E rile a akgela ka bogodu jwa leruo, Rre Mathokgwane o kopile morafe go dirisana le mapodisi a bo a tlatsa ka gore go fudusa mapodisi kgapetsa kgapetsa go na le ditlamorago, a tlatsa ka gore fa mapodise a na le lebaka le le leele mo motseng, go siame ka gore fa go diragetse borukutlhi jwa mofuta mongwe ba kgona go itse gore ba ka batlela babelaelwa kwa kae. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Amogelang Kgosietsile
Location : PITSANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 04 Mar 2015