Mogote o phirimisa ditoro
04 Mar 2015
Balemi barui ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba lela ka mogote o o feteletseng o o aparetseng kgaolo ya bone ka ntlha ya dipula tse di boutsana tsa paka eno ya temo.
Monana yo o itshetsang ka temo kwa motseng wa Gungwe, Mme Mpho Zimundu o boletse fa e le lantlha e re ba lemile pula e bo e sa ne lebaka le le leele jaana, ka e sale e nele labohelo ka Hirikgong.
Mo potsolotsong bosheng le lekala la dikgang la BOPA, Mme Zimundu o boletse fa a lemile ka kgwedi ya Morule e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bongwe, ngwaga o o fetileng, mme fela tshimo ya gagwe e sa kgatlhe ka mogote o fekeetsa dijalo tsa gagwe.
A re o ne a ikaeletse go tla go rekisa thobo ya gagwe go dira letseno le ka lone a neng a ya go teratelela tshimo ya gagwe e mo nakong eno e ageletsweng ka matlhaku.
O boletse fa se jaanong go lebega se tlaa pala ka dijalo di tshubilwe ke letsatsi.
Mme Zimundu a re le fa gone a lela ka pula jaana, o tshwenngwa thata gape ke leruo segolo jang dipudi, tse a kaileng fa di baka tshenyo e ntsi mo masimo.
A re le dijalo tse di neng di ka tsoga fa pula e ne e ka na jaanong ga di sa tlhole di solofetsa ka ntlha ya tshenyo e.
Mme Zimundu a re le fa dijalo tsa gagwe di tshubilwe ke letsatsi, o na le tsholofelo ya gore fa pula e ka na, dijalo dingwe di ka tsoga ko ntleng ga mmidi, ka one o babalelwa ke letsatsi bobe.
O boletse gape fa go se motlhofo go tlhagola ka gore mmu o omile fela thata, mme a supa fa temo monongwaga e mmaketse ditshenyegelo fela tse mo go tsone a sa yeng go oba letsogo ka tsela epe.
E ntse e le gone kwa motseng wa Gungwe, Mme Silvia Khondwane, yo e leng molemi morui o boletse fa diruiwa tsa gagwe di ya go bolawa ke tlala ngwaga ono ka bojang bo tshubilwe ke letsatsi bo ntse bosetlha.
Mme Khondwane o boletse gape fa le ene a sa robadiwe ke boseyong jwa pula, a supa fa le ene dijalo tsa gagwe di shele mo a sa solofeleng thobo e e nametsang.
A re o ne a ikaeletse go rekisa tse a neng a tla bo a di robile gore a kgone go itshetsa le ba lelwapa la gagwe.
Mme Keitsheletse Steven, yo e leng molemi mo Masunga ene o boletse fa a sa solofela thobo e e nametsang e a tleng a e bone.
Mme Steven a re le fa gone pula e seyo, go ka bo go le botoka fa letsatsi le ne le se bogale thata ka jaanong le bolaya dijalo.
O boletse fa a na le tsholofelo e ntsi ya gore fa pula e ka na o ka kgona go roba sengwe ka dijalo tsa gagwe di sa sha tsotlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nkwebi Monyadzwe
Location : Masunga
Event : Potsolotso
Date : 04 Mar 2015