Phokoje go tshela yo o dithetsanyana
04 Mar 2015
Monana mongwe kwa motseng wa Mmathubudukwane mo kgaolong ya Kgatleng o leka botshelo ka botaki. Rre Lucky Teleki yo o dingwaga tse di masome a mabedi le motso a re sale a supa kgatlhego mo botaking a sale mmotlana.
Mo potsolosong le BOPA,Lucky o tlhalosa fa kgwebo ya gagwe a e simolotse ka ngwaga wa 2011 a supa fa a direla mo lwapeng.
A re o gatisa(print) diaparo ka mofuta tse di akaretsang dikipara a tlhalosa fa a kgabisa le matsela a a dirisiwang thata go kgabisa mo matlong.
O ne a supa fa bokgoni jwa tiro e a e dirang a sa e rutiwa ke ope ebile le ko sekolong o ne a sa dire dithuto tsa teng a tlatsa ka gore mme o eletsa go dira dithuto tsa teng go oketsa talente ya gagwe.
O tsweletse a tlhalosa fa a ne a santse a le ko sekolong o ne a kgona go ya go botsa barutabana ba ba neng ba ruta dithuto tsa botaki gore go dirwa eng le gone jang mo botaking le ntswa a ne a sa dire dithuto tseo.
A re le fa gone a ne a sa thusiwa nako e telele mme gone o kgonne go sela sengwe mo go bone a supa gape gore se se mo kgontshang ke gore o na le kgatlhego e ntsi fela thata mme ebile a rata botaki thata.
“Tota botaki ke tiro e ke e ratang ebile ke na le tsholofelo e ntsi mo yone,ke batla go ipona mo dingwageng tse di tlang ke dirile go le go ntsi mo tirong e ya botaki gape ebile ke itebagantse le yone fela”,ga tlhalosa Lucky.
A re bontsi jwa dikgwebo di phutlhamisiwa ke gore beng ba tsone ba dipataganya le ditiro tse dingwe mme ene a re ga a eletse go dira jalo ka a eletsa gore kgwebo ya gagwe e gole.
Jaaka re itse gore bontsi jwa bataki le baopedi ba a tle ba tlhalose fa, gore ba simolole dikgwebo kana mmino wa bone ba a bo ba bone bangwe ba dira sentle kana e nna ba tlhotleletsi ba bone(role model),mo go Lucky ga go a nna jalo a tlhalosa fa a dumela gore ke talente fela e a e filweng ke modimo.
A re mo nakong ya gompieno kgwebo e tsamaya sentle ebile le batho ba a reka a supa fa sebe sa phiri e le go tlhoka ditsompele a tlhalosa fa le fa a rekile dilo tse a di dirisang di fela ka bonako.
“Madi a ke a bonang mo kgwebong e ke one gape a ke a dirisang go reka dingwe tse gantsi ke di dirisang,mm eke na le keletso ya go ikopela madi ko ofising ya banana”,ga tshwaela Lucky.
O ne a tlhalosetsa BOPA gore ga ise a itse sentle ka mananeo a a thusang banana a tlatsa ka gore mo gongwe go dirwa ke gore o nna kwa kgaolong ko go senang ope yo o mo rotloetsang le go mo gakolola gore mananeo ao fa o eletsa go a dira go tlhokafalang eng.
Ka mokoduwe go tshoswa o o itsosang,Lucky a re o tla ema ka dinao go bona gore o latela ba ofisi ya banana go ya go kopa dithusa gore a kgone go atolosa kgwebo ya gagwe e a tlhalosang fa a sa eletse gore e phutlhame.
Le fa go ntse jalo a re se se mo itumedisang ke gore ke ene fela a dirang kgwebo ya mofuta oo mo motseng wa bone a tlhalosa fa batho ba ise ba nne le kgatlhego ya go e dira a tlatsa ka gore mme seo se dire gore a rekise dilwana tsa gagwe go sena mathata.
“Ke santse ke dira ke le nosi mo nakong eno mme ke eletsa gore ke batle lefelo ke direle mo go lone mme ebile ke bo ke batla bangwe banana gore le bone bat le ba ithute se ke se dirang go itshetsa le botsipa jwa botaki ”,ga tlhalosa jalo Lucky. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : Mmathubudukwane
Event : Potsolotso
Date : 04 Mar 2015