Breaking News

Ba kgotla ya Sebego ba butse loobo semmuso

03 Mar 2015

Modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse mo kgotleng ya Sebego mo Kanye Mme Helder Segomotso a re leobo la kgotla eo fa e sale le dirisiwa dingwaga tse di fetileng le ise le bulwe semmuso, e ne e le mangwe a maoobo a a neng a agilwe ka moago wa bogologolo mme dikomiti tsa ditlhabololo tsa tshwelela ka go nna ba shwafatsa leobo leo go fitlhelela gompieno ba le bula semmuso.

Mme Segomotso a re mo bokopanong jwa maloko a baduladitilo ba ditlhabololo tsa metse ba nna ba kopana go rutuntshana ka fa ba tsamaisang ditlhabololo tsa metse sentle ka teng.

O boletse fa e rile ka ngwaga wa 2013 ba ofisi ya Ipelegeng ba ne ba ba thusa ka didirisiwa go aga loobo, mme madi a a dirisitsweng mo go tse dingwe a tshwara P18 541, a bolela fa a lebogile Kgosi Tshosa go ba ema nokeng ka go ba fa dikgakololo mo kgotleng ya Sebego.

Mokwaledi wa ofisi ya mopalamente yo a neng a le molalediwa wa tlotla a emetse mopalamente wa borwa kwa moletlong o, Rre Ronald Mokgotle o akgotse morafe go kopanela tiro ya go bula loobo semmuso, a bua fa e le nngwe tsela ya go somarela ngwao, a re seo ke go tlotla kgotla ya Sebego.

Mmaboipelego wa kgaolo Mme Mary Majinda o ntshitse mafoko a kgothatso ka go leboga modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo go bo a kgona go dirisanya le batho ba motse oo mo go tlhabololeng kgaolo ya bone.

O buile fa se se le botlhokwa mo ditsong tsa Setswana e le morafe, mme morafe e le one o tlang ka dintlha tsa ditlhabololo, a bua gape fa morafe fa o seo go ka se nne le batho ba ba ka tlhabololang dikgaolo.
A re jaaka komiti ya ditlhabololo tsa motse e le ka fa tlase ga lephata la dikgaolo le tlhabololo ya metse ya magae e diretswe gore e nne matlho a morafe go tsamaisa ditlhabololo tsa motse.

Mme Majinda e rile a fa sekai a re tautona wa pele a re e rile a simolola komiti e ya ditlhabolo tsa motse o ne a lemogile fa tirisanyo ya kgosi, mopalamente, ofisi ya boipelego le batho ba motse e le bone ba ka dirang morafe o o tlhamang komiti ya ditlhabolo tsa motse. A bua fa puso e sa dire kgaolo fa go sena batho.

Mme Majinda a re pina ya setshaba ga se go e opela fela e na le molaetsa wa “tsogang banna tsogang basadi” e tsibosa ka molaetsa wa go tlhalosa gore borre le bomme ba motse e le bone ba ba emang ka dinao go tlhabolola motse. O lebogile morafe wa Sebego go bo ba supile bokgoni go itirela ba kopane le puso.

Kwa bofelong o kopile batho go nna ba tla diphuthegong tsa kgotla go tla go utlwa tse di buiwang le ditherisanyo tsa motse.

Fa a amogela baeng Kgosana Tshosa wa kgotla ya Sebego o lebogile ba komiti ya ditlhabololo tsa motse go dira ka natla go bo ba tsentse letsogo mo go tlhabololeng ditiro tsa motse le go tshwaraganela go bula loobo lwa kgotla semmuso. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Oteng Mae

Location : Kanye

Event : Pulo loobo

Date : 03 Mar 2015