Ba lela ka tlhaelo ya dijo mo dikoleng
03 Mar 2015
Makhanselara a kgaolo potlana ya Boteti ba lela ka tlhaelo le go tsisiwa ga dijo mo dikolong tse di potlana le tse dikgolwane, seemo se ba reng se dira gore bana ba ba nnang mo dikoleng ba ngwege.
Ba ntshitse selelo se sa bone kwa phuthegong ya dipuisano tsa khansele potlana ya Boteti bosheng kwa Letlhakane ,ba supa fa bana ba ba nnang mo dikoleng ba sa kgore mme bangwe ba bone ba ngwegela kwa malwapeng mme ba kopa bogogi jwa thuto go tsibogela seemo sa dijo tsa bana.
Makhanselara a ne gape a supa letshwenyego la tlhaelo ya matlwana a borutelo le mosuke mo dikoleng. Mokhanselara wa kgaolo ya Letlhakane Bokone Rre Aron Baitseng o boletse fa dikoloi tsa Letlhakane di le mosuke, mo ebileng go na le bana bangwe ba ba sa tsewang go ya go dira lekwalo lantlha a botsa gore go ya go dirwa jang ka bana bao.
Makhanselara a bile a supa fa maduo a thuto mo kgaolong ya Boteti a le ko tlase thata. Mokhanselara wa kgaolwana ya Letlhakane Bophirima mme Thato Modirwagale o ne a kopa bogogi jwa thuto go dira thulaganyo ya gore batsadi ba nne le seabe mo thutong ya bana ba bone, a ba kgothatsa go tsaya malebela ko dikoleng tsa Orapa.
Mokhanselara wa kgaolo ya Makalamabedi/Motopi Rre Onkhuparetse Monnaatsie o kaile fa tlhaelo ya barutabana le letlhoko la ditlamelo e le tsone di isang maduo a thuto kwa tlase. O ne gape a re batho ba ba filweng dihutshane ka lenaneo la LIMID ga ba a rutiwa ka tlhokomelo ya tsone.
Mokhanselara wa kgaolo ya Mmatshumo ene o supile fa go na le bana ba le lesome le botlhano ba ba neng ba tshwanetse go ya go dira lekwalo lantlha ba maipaafela a Makolwane, a re ba sale ba tlogetswe gotwe ba tlaa tla ba tsewa nako kgolo ke eno. O tsweletse a botsa gore fa dikgwebo tsa bana di phutlhama jaana go dirwa jang fa ba sa duele, a tlatsa ka gore banana ba tsenya dikopo mme ba ganwe ,a tlatsa ka gore banana ba thusiwa jang ka lenaneo la go ikopela.
Mokhanselara wa kgaolo ya Letlhakane Bokone Rre Boitshwarelo Mopedi o ne a kopa gore go tlhalosiwe gore ke dife dikgwebo tse di sa direng sentle tsa banana, le gore a ke tsa motho a le nosi kgotsa ke tse di kopanetsweng.
Mo go tsa botsogo makhanselara a ne a lela ka letlhoko la dikoloi tsa dikokelwana le ba reng le baya matshelo a batho mo diphatseng, e bile a paledisa baoki go isa ditlamelo tsa botsogo kwa go senang dikokelwana, le tlhaelo ya dingaka,baoki.
Makhanselara a ne a lebogela lenaneo la moepo wa Orapa la Orapa Today Boteti Tomorrow lenaneo le le akaretsang go agiwa sekole sa ithutelo ditiro ya diatla, katoloso ya madirelo ka go farologana, ba re leya go tsisa ditlhabolo mo kgaolong ya Boteti,le tlhamela bana ba kgaolo potlana eo ditiro, mme gape ba sebete se molanngwana ka kgang ya go fodusiwa ga barui,mo lefelong le go atolosetswang lefelo la diphologolo mo go lone, ba ya go nna ko mahudisong a a kopanetsweng.
Mogolwane wa lephata la thuto Rre Philip Mpho o supile fa ba tlaa ela tlhoko seemo sa dijo mo dikoleng ,a tlholosa fa gompieno ba sena madi mme ba tlaa kopa kwa Serowe, atlatsa ka gore kgang ya mosuke mo dikoleng e teng e bakiwa ke gore batsadi ga ba kwadise bana kwa dikoleng tse di tshwanetseng, fa ba bangwe ba kwadisa bana morago ga nako e e beilweng mme ba tlhaelwe ke diphatlha.
Mogolwane wa lephata la tsadiso ya leruo Rre Bueno Mokhutshwane a re ba ruta baikopedi ba dihutshane tsa lenaneo la LIMID ka mehuta ya dihutshane,letsalo la tsone ,melemo,malwetse,mekento le gore e dirisiwa jang.
Mothusa Molaodi Rre Bahiti Keiphokotsi o ne a ba tlhalosetsa gore lenaneo la koloi e le nngwe motse le motse le dirilwe go sena dikoloi tsa lone, a re mo bogompienong le santse le dirisa dikoloi tsa maphata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : Letlhakane
Event : Phuthego
Date : 03 Mar 2015