Tshwaragano e ka tsisa maduo
03 Mar 2015
Batsadi ba Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba dumalane ka bongwefela jwa pelo fa go nna seopo sengwe le barutabana e le yone fela tsela e e ka thusang go ntsha maduo a a itumedisang a baithuti, mme go supasupana ka monwana fa bana ba sa dire sentle go ka se thuse sepe.
Batsadi ba re ba tshwentswe thata ke kwelotlase ya maduo a baithuti ba ba sa tswang go fetsa lokwalo lwa bosupa mme ba amogela fa batsadi bangwe ba le moriti o tsididi fela, ka ba sa tseye dikgato tse di maleba ka bana ba bone ba ba sa tseneng sekolo sentle.
Ba buile seo mo phuthegong ya batsadi le barutabana e e neng e tshwerwe bosheng kwa sekoleng seo. Batsadi ba ne ba supa fa ba nna ka bohutsana fa bana ba sa dira sentle mme ba supa fa go ngongorega barutabana ka nako tsotlhe fa maduo a tla a sa itumedise e le poelo morago, mme kemokenong ya bone e le botlhokwa.
Ba supile fa dikole tse di mabapi le motse wa bone di tshwana le Tshwaane le Khekhenye di dira sentle fela thata ntswa le tsone di lebanwe ke dikgwetlho tse di tshwanang fela le tsa bone, mme fela katlego ya dikole tseo e ikaegile ka popagano ya barutabana le batsadi.
Ba ne ba supa fa ba tlhaloganya fa bokamoso jwa bana bo le mo diatleng tsa bone ebile seabe sa bone se le botlhokwa thata mo thutong ya bana, mme ba solofetsa fa ba tlaa leka ka bojotlhe go rotloetsa bana go tlhagafalela thuto ka e le yone konokono ya botshelo jwa bone.
E ne e rile go le pele, mothusa mogokgo wa sekolo seo, mme Rinah Tlalanyane a itela mo batsading go ba thusa go potlakela seemo sa maduo a baithuti a a welang tlase ngwaga le ngwaga.
A re go botlhokwa gore ba thulanye ditlhogo le batsadi go bona gore seemo se ka tokafala jang.
A re go tlhoka kemonokeng go tswa mo botsading go ba thatafaletsa tiro ka ba itlhokomolosa diphuthego tsa batsadi le barutabana,mme a ikuela mo batsading gore ba thusanye le bone ka go lekola dithuto tsa bana le gone go tswa maano a go tokafatsa seemo sa thuto ya bana.
A re ba lebanwe ke dikgwetlho di le mmalwa di tshwana le go tla nako e fetile ga bana, go tlogela sekolo ka dipalo tse dintsi mme a supa fa popagano le tshwaragano ya bone le batsadi e le yone fela e ka thusang go tokafatsa seemo seo.
A re bana le bone go lebega ba sa dire sentle mo dithutong ka ba lebanwe ke dikgwetlho tse di ba fitileng, mme a ikuela mo batsading go emisa mokgwa wa go tlogela bana ba le nosi ba ya masimo a supa seo e le sone se rotloetsang gore bana ba seka ba tsena sekolo sentle.
A re baithuti ke peo ya lefatshe leno, ka jalo ba tlhokana le thotloetso ya botsadi le barutabana go ba rotloetsa go nosetsa peo e go tsholetsa itsholelo ya lefatshe leno, a tlatsa gape ka go tlhalosa fa babusi ba kamoso ba lefatshe leno e le bone baithuti. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego
Date : 03 Mar 2015