Breaking News

Ditshingwana ga di dire sentle

03 Mar 2015

Lenaneo la ditshingwana tsa kwa morago kwa motseng wa Mmathubudukwane mo Kgaolong ya Mochudi Botlhaba ga le dire sentle ka le lebanwe ke kgwetlho ya metsi.

E rile modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Kenneth Pule a bua mo potsolosong le BOPA, a tlhalosa fa metsi e le mmaba yo mogolo mo go atlegeng ga lenaneo leo.

A re e sale batho ba motse oo ba direlwa ditshingwana tseo, ga ba ise ba akole dipoelo tse di kgotsofatsang tsa ditshingwana tseo mme kgangkgolo e le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa metsi.

Rre Pule o ne a supa fa ditshingwana di ka nna supa mo motseng oo di sa bereke ka lebaka la kgang ya metsi mme a tlatsa ka gore e re ka e bile go sena pula ngwaga ono, seemo se ile masweng.

A re ba kile ba buisana le Kgosi ya motse wa bone go dirisa tshingwana nngwe ya motse gore botlhe ba mananeo a temo le a mangwe ba ye go e dirisa ka e bapile le noka mme e bile metsi e tla bo e se mathata.

O ne a tlatsa ka gore mo nakong ya gompieno ba baakanya tshimo eo gore ba ba nang le keletso ya go e dirisa ba ithsupe mme ba tla neelwa sebaka sa go e dirisa gore ba e ntshe mo lehumeng.

E ntse e le mo motseng wa Mmathubudukwane, lenaneo la Ipelegeng le tsweletse sentle le fa ntswa mathata e le dipalo tse dintsi tsa batho ba ba nang le kgathego ya go bereka mo lenaneong leo.

Rre Pule o supile fa ba bereka sentle le morafe wa bone mme sebe sa phiri ke gore palo e ba e filweng e nnyane bogolo jang fa a lebeletse dipalo tsa batho ba ba tshologelang lenaneo leo ka malatsi a khiro.

A re e bile seemo se ile masweng ka gore ngwaga ono temo e kwa tlase mme seo se raya gore batho ba mo gae ka ba lemile morago e bile dipula di le boutsana mme seo se okeditse dipalo tsa morafe mo gae.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo o supile fa a tshwenyegile ka dipalo tse dintsi tsa banana ba ba hirwang mo Ipelegeng a tlatsa ka gore seo ke sesupo sa gore ga ba akole mananeo a mangwe a puso a a lebaneng bone ka sebele.

Rre Pule a re seo ga se mo jese diwelang ka jaana ba tshwanetse ba dirisa mananeo ao bogolo jang ka a ka ba inola mo botlhoking jwa bone.

A re dipalo tsa banana ba ba tsereng mananeo a banana mo motseng oo di kwa tlase fela thata fa ba ba a tsereng bone ba ole e bile go se nko e tswang lemina. 

Rre Pule a re seo se tshwentse fela thata bogogi jwa motse oo mme a re ba tsile go dira mo ba ka go kgonang go rotloetsa banana go tsaya mananeo a lekalana la banana le gone go tsena mo dikgwebong tse di ka tlhabololang motse wa bone le one matshelo a bone tota.

Le fa go ntse jalo, Pule a re o lebogela gore motse wa bone o bo o tlhophilwe go nna kgaolo potlana ka seo se raya gore ditirelo di tla ba atamela mme mosepele wa go ya Mochudi o tla ya bokhutlong.

A re seo se tla thusa fela thata ka batho ba metse ya dinoka ba ne ba sokola fela thata bogolo jang ka ba itshokolela mme ebile madi a sepalamo a le bokete go bonwa.

O ne a ngongorega thata ka kgaogo ya motlakase mo motseng wa bone, a re letsatsi le letsatsi ba kgaolelwa motlakase ka nako ya borataro mme a re o rapela gore seemo se se tle bokhutlong mme lefatshe la Botswana le nne le motlakase wa lone o o lekaneng go anama le lefatshe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 03 Mar 2015