Breaking News

Lekgotla la borre le itlama go lwantsha thubetso

03 Mar 2015

E rile bosheng lekgotla la borre la tshwara thutopuisano e maikaelelo a yone ele go ntsha borre le banana ba basimane mo go tsa goitseela dikobo ka dikgoka.

O tlhalositse seo kwa thutopuisanong ya lekgotla la Borre mothusa mogolwane wa mapodise a Bobonong Rre Michael Maphephu a re mo bogaufing gosetse go diragetse ditiragalo dile mmalwa tse mo go tsone mongwe wa bone o ne a remiwa ka selepe bakeng la go itseela dikobo ka dikgoka fa mo nakong eno a le moseemong se se kwa tlase.

A re maikaelelo a thutopuisano e ke gotla go baruta, kwa bofelong baye go ruta ba bangwe, a tlatsa ka gore lekgotla Men Sector ke la boithaopo.

O tlhalositse fa lekgotla la borre le kopane la bofelo ka ngwaga wa 2008, mme le tlhamilwe ka maphata a puso, mme gona le kgonafalo ya gore bafodisediwe kwa mafelong a mangwe le bo le wela tlase,se se botlhokwa ke gore morafe wa motse batsene mo lekgotleng la mensector.

A re gole gantsi tlhakanelo dikobo e laolwa ke borre,fa motho wa mme a lapile a tswa go thagola le le borre lare lebanyetse.

Mokwaledi wa ofisi ya mopalamente Rre Monkemedi Dingalo a re go botlhokwa go lemoga gore lefatshe ka bophara le apesitswe kobo ka letshoba ke bolwetse jwa AIDS le mogare wa HIV,mme se se raya gore kgaolo ya Bobirwa fela jaaka tse dingwe le yone e amegile.

O boletse fa dipalo tsa lefatshe la Botswana di supa gore kgaolo ya Bobirwa ke nngwe ya tse di gogang kwa pele ka botlhoko jo.

O ne a rotloetsa ba tsena thutopuisano eo gore fa tswafa baye go bolotsa letsholo la ruta ba ba sa nnang letshono ya go tsenelela dithuto gore molaetsa otle o goroge kwa setshabeng ka karetso.

A re borre batseye thuto eo ka tlhwaafalo ka go itshupile go tswa bogologolo gore tlhakanelo e laolwa ke bone e le borre le gore e dirwa leng jang,a supa fa mokgwa o o e le borre bao emisa ka ke o ne o kuketsang kanamo ya mogare.

Bagolwane ba lekgotla la mensector borre Rebaone Dintwe le Joseph Mphafe bare kgaolo ya Bobonong e tshwanetse ya tsosolosa lekgotla la borre gore kwa bofelong babepise diemo tse disa nnang sentle.

Bare borre ba buwe dikgwetlho tse ba kopanang le tsone le gore bakadi rarabolola jang,e le bontlha bongwe ja go aga kgaolo ya Bobonong.

Ba boletse fa motho wa mme fa ese a nyalwe baitlhokome,mme morago ga lenyalo bomme ba a itatlhelela bare banyetswe.

Batsena phutlhego eo bane ba supa fa bana le dikgwetlho tsa gore bomme bangwe bagana gotlhakanela dikobo kwa bofelo go batlame gore banne le bakapelo kwa thoko kana gore fa gona le ba ba rekisang bareke tlhakanelo dikobo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : BOBONONG

Event : Thuto-puisano

Date : 03 Mar 2015