Kgosi Dithapo o akgola Amerika
03 Mar 2015
Kgosi Bringle Dithapo wa Maun o akgotse lefatshe la Amerika, a re le tswa kgakala le na le botsalano le lefatshe leno.
O buile seo ko tirong ya go lekodisa moemedi wa Amerika mo Botswana Rre Earl Miller ka lenaneo la MAATLA le le rotloetsang tlhokomelo ya balwetsi ba kgotlholo e tona (TB) kwa malwapeng.
E rile a bua kwa kokelwaneng ya Thito mo Maun ka Mosupologo (02/03/2015), Kgosi Dithapo o ne a tlhalosa fa lefatshe la Amerika e nnile lefatshe la bobedi go nna le boemedi mo lefatsheng la Botswana morago ga boipuso ja lefatshe leno.
Kgosi Dithapo o ne a re lefatshe la Amerika le tshwanelwa ke ditebogo gonne le tsalane le lefatshe leno ka nako e Botswana a neng a sa huma, mme a supa fa lefatshe la Amerika le eme Botswana nokeng mo dikgwetlhong tse di tshwanang leuba le sebetso sa tsie.
Gape o ne a lebogela lefatshe la Amerika go bo le tsweletse ka thotloetso ya lone mo kalafing ya bolwetsi jwa kgotlholo e tona ya kwa malwapeng.
O ne a tlhalosa fa bolwetsi jwa kgotlholo e tona bo amanngwa le kgethololo ya balwetsi, mme a re lenaneo leo le tla a thusa go lwantsha seo ka le isa ditirelo kwa malwapeng a balwetsi.
Rre Moalosi Moengotsile, yo a leng mongwe wa ba ba akotseng mo lenaneong leo, o ne a leboga ba botsogo le ba BOCAIP go bo ba tsere karolo gore a fole.
O boletse fa a ne a gotlhola ka lebaka mme bolwetsi jwa kgotlholo e tona bo sa tshwarwe go fitlhelele a ya kwa kokelwaneng ya Thito.
Rre Moengotsile o ne a supa fa baithaopi ba BOCAIP ba ne ba mo etela kwa ga gagwe ba mo fa le dikgakololo tsa gore a itshole jang le go phepafatsa tikologo ya gagwe.
O ne a tshwaela fa bolwetsi jwa TB bo ka fola fa molwetsi a sala ditaelo tsa ba botsogo morago, a re o bonye ka ene a boetse mo seemong se se siameng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Phuthego ya kokelwana
Date : 03 Mar 2015