A batsadi boo-babedi ba godise ngwana
03 Mar 2015
Kgosi Gunny Moses wa lekgotla la Setswana kwa Monarch mo Francistown a re kgodiso ya ngwana e tshwanetse go nna boikarabelo jwa batsadi botlhe ka bobedi go sa kgatlhalesege gore a ba nyalane kgotsa jang.
O buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng, mme a supa fa bangwe batsadi ba itlhokomolositse tlhokomelo ya ngwana.
Kgosi Moses o file sekai gore bangwe borre ba tlogeletse bomme morwalo wa go godisa ngwana ba le bosi, a tlatsa gape fa go supega fa bangwe bomme le bone ba tlogela borre ka morwalo o.
A re go botlhokwa gore ngwana a fiwe tlhokomelo e e maleba ke batsadi botlhe ka bobedi, e bile ngwana o tshwanetse go godisetswa mo tikologong e e siameng ka seo se ka mo thusa go nna le boikarabelo fa a gola, le gone go tlhaloganya boleng jwa gagwe.
O bile a re mangwe mabaka a a rotloetsang bangwe bana go inaakanya le botho jo e seng jone ke gone gore ba tlhokile tlhokomelo e e rileng go tswa mo batsading boo-babedi, ka jalo Kgosi a re tlhokomelo ya ngwana ga se go reka diaparo fela
Kgosi Moses o gateletse botlhokwa jwa go ruta ngwana pharologanyo fa gare ga molemo le bosula, le gone go ntsha dikgakololo tse di tla thusang bana go tsaya ditshwetso tse di maleba.
Go sale foo, Kgosi o supile fa a tshwenngwa ke seemo sa gore bangwe bomme ba amogele madi a tlhokomelo ya ngwana ko ofising ya ga Mmakaseterata, mme ba tlhoke go dirisa madi ao ka fa tshwanelong.
A re bangwe bomme ba amogela madi ao, mme sebe sa phiri e nne gore ba a dirisa mo ditirong tsa bone ba itlhokomolositse letlhoko la ngwana.
O supile fa bangwe bana ba go nna jalo, ba itlhokomolositswe, ba tlogeletswe bo nkukuabone kgotsa mongwe motsadi fela mme ba felele ba kopelwa dithuso ko go Mma boipelego.
Kgosi a re go botlhokwa gore madi a kgodiso ya ngwana a dirisiwe mo go maleba ebile go nne le motlhala wa ditiro tsa one, mme o bile a gakolola batsadi, bogolo jang ba ba sa nyalanang, botlhokwa jwa go itsise ngwana matlhakore otlhe a batsadi ba gagwe.
O bile a tlatsa ka go gakolola batsadi go tlogela mokgwa wa go tsenya bana mo diphapaang tsa bone, a re fa batsadi boo-babedi ba sa utlwane, ope wa bone a seka a tlhotlheletsa ngwana go ila motsadi yo mongwe.
A re seo se felela se dira gore bangwe batsadi ba ikgagapele ngwana ba sena keletso ya gore motsadi yo mongwe o ka nna le sebaka sa go bona ngwana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 03 Mar 2015