Breaking News

Thulaganyo ya mpeele bana ga e teng

03 Mar 2015

Modulasetilo wa lephata la kabo ditsha e potlana ya Mogoditshane Rre Joseph Mmoloke o boletse fa thulaganyo ya bogologolo ya gore motsadi a kope gore bana be beiwe mo tshimong e sale e emisitswe ka ngwaga wa 2005.

Rre Mmoloke o boletse seo kwa Tlokweng bosheng mo bokopanong jwa dikgosi, makhanselara, komiti ya ditlhabololo tsa motse, a re dikgang tsa go kopa masimo mo morafeng batho bangwe ba bo ba re go beiwe bana ba bone ditsha pele ga ba ka ntsha masimo a bone seo se se ka fa molaong.

O boletse fa batsadi ba le boitseme go neela puso masimo ba lebile gore bogologolo bogogi bo ne ba tla ka gore ba tla abela bana ditsha ele tsela ya gore batho ba ntshe masimo a bone, a re le ntswa go ne go ntse jalo pele seo ga se bolo go emisiwa.

Fa a tlatsa modulasetilo, Mokwaledi go tswa mo lephateng la kabo ditsha e potlana ya Mogoditshane Rre Antony Bashingi o boletse fa thulaganyo ya masimo bogogi jwa motse le morafe ele bone ba supang gore motse o ka atologela ko kae, mme go dirwe ditshekatsheko ka go le gantsi fa motse o gola o tlamega go golela kwa masimong.

Rre Bashingi o boletse fa kabo ditsha e sa reke masimo a ga ope mme go abo go dumalwane ke bogogi gore motse o golele kae mme mong wa masimo ao a bilediwe dipuisanyo a reresiwe a bo go dirwa tumalano go lebilwe gore tshimo e na le eng mo teng ebile tsotlhe di lopa bokae mme mong wa masimo a atsiwe fa a dumetse go ntsha masimo.

O tlhalositse fa go kgona go dirisiwa molao wa go tsaya ka pateletso o dithata tsa one di neetsweng tona wa lephata ke tautona, mme tseo tsotlhe ele thulaganyo e e teng mo molaong ebile motho a letlelelwa gore o ka ipolela a ntsha mabaka a utlwalang mme a sekasekiwe gore ke eng a gana ka masimo go lebilwe gore kgang kgolo ga se go isa itsholelo ya motswana ope kwa tlase.

 O ne a tlatsa ka gore fa mong wa masimo a sena go atswiwa ke gone ba kabo ditsha ba ka simololang go sega ditsha.

Mogolwane mo go tsa ditomagano ya lefatshe Rre Justice Gabanamotse o boletse fa molawana o mosha wa ditoropo, ditlhabololo le tomagano ya lefatshe wa 2013 o na le tsetlana ka fa tlase ga one mme o bereka mo mafelong kana metse e e tlhabologang.

Rre Gabanamotse o tlhalositse fa ka molawana oo ditsha di tshwanetswe go nna mo moleng, mme seo se sa jese bangwe di welang ka ba supa fa ba batla go aga matlo a bone gongwe le gongwe fa ba batlanag teng. 

O tsweletse a tlhalosa gore mathibelelo mo molawaneng oo ga a letlelelwe mme le ntswa go ntse jalo motho o ka itela mme ga batliwa bosupi jwa sekasekiwa a reediwa, a re molawana oo o tlhalosa gore fa motho a batla go hetola tiriso ya setsha o tsenya seo mo pampiring ya puso le tse dingwe mme a ituelela go dira jalo.

Kgosi Seeletso Pule wa Gabane o tlhalositse fa bogologolo tshimo e ne e tsewa go na le tlhaloso e e papametseng gore masimo a a tsewa mme a ya go dira eng, a re fa gongwe go ne go agiwa sekole mogo one.

Kgosi Pule o tlhalositse fa malatsi ano go sena puisanyo e e botoka e e tlhalosang gore masimo aya go dira eng, a re kgang eo e sekasekiwe go buiwe letlhoko la masimo ao mme ebile go nne mo pontsheng le morafe o itse ka thulaganyo eo, a tlatsa ka gore morero mo setswaneng o botlhokwa.

 O tlhalositse gore go tlhokega thuto e ntsi mo Batswaneng ka melao e e farologaneng ka ba sa e itse, a re ditsha tsa SHAA batho ga bake ba ngongorega ka melawana  ya tsone mme motho ke ene a dirang mo a ka go kgonang ka gore dilo dingwe di direlelwa kokomane e e tsogang e tla kamoso.

Mokwaledi wa lephata la kabo ditsha le le potlana la Thamaga Mme Kainayang Mothibi o boletse fa go na le dikomiti tsa tshenyetso sechaba mo dikgannyeng tsa lefatshe mme di isa pego kwa lephateng la ditsha le matlo e bo e e fetisetsa kwa go ba DCEC, mme nako tsotlhe morafe ke one leitlho la puso.

Mme Mothibi o tlhalositse fa lenaneo la tshenyetso sechaba le dirilwe go simolola fela go tswa ko peong le fa motho a ikopela setsha, a re molao wa twantsho tshenyetso sechaba o teng modiredi ope fela ga a tshwanela go kopa dimpho kana madi mogo ba a ba thusang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : TLOKWENG

Event : Bokopano

Date : 03 Mar 2015