Tirisanyo mmogo e botlhokwa
02 Mar 2015
Beng ba dipalamo tsa setshaba kwa Tutume ba kopilwe go dirisanya mmogo le bapalami le go obamela tse diteseletso tsa bone di se batlang.
Mafoko ao a builwe ke mogolwane wa lephata la dipagamo le ipabalelo tseleng go tswa Francistown,Rre Shathani Ntemba mo bokopanong jwa boradipalamo tsa setshaba(taxi)le boradibese kwa Tutume ka Labobedi.
Bokopanong joo bo tsile morago ga gore boradipalomo tsa setshaba ba ba direlang mo Tutume ba ngongorege ka boradikoloi bangwe ba ba pegang setshaba ba sena diteseletso, boradibese ba e reng ba tsena mo Tutume ba tswa Francistown ba bo ba simolola go pega le teego ya go fetsa lefelo le ban eng ba direla mo go lone.(temporary rank).
Rre Ntemba a re ba ntse ba amogela dipego tsa go nna jalo kwa ofising ya bone ,a re ka nako eo e ne e le go tla go kopanela dikgang tseo le go tla ka ditlharabololo.A tlhalosa gore boradibese tshwanelo ya bone ke go pega batho fa ba santse bay a Francistown mme fa ba tswa koo ba a folosa ba ba ba pegile ga ba pegi.
O ile a tlhalosa fa thekisi e tshwanetse go isa mopalami kwa a yang teng ka ebile le mo mokwalong go tlhalosiwa jalo le bone ba ban eng ba ikopela ba ne ba dumalana le seo.A re fa gona le bangwe ba bas a iseng batho kwa bayang gone e a bo e le tlolo molao e motho yoo a ka o otlhaelwang fa o begetswe ba molao.
A kopa boradipalamo bao go dirisanya sentle le batho,a supa botlhokwa jwa go aga lekgotla la boradipalamo la lefelo leo,a re ka lone ba ka fa mabaka a bone mo dingwe tse ba bonang dib a ketefalela.
O tsweletse a re seo ga se reye gore bat la dumalana le sengwe le sengwe se se se tla abong se le mo mokwalo wa maitlamo a bone a lekgotla la bone.
A re gape ka komiti eo ba ka kgona go rarabolola dikgwetlho tse ba kopanang natso.A gape go letlelesega go duedisa bokete jwa 200kg ja dithoto eseng letogo la phaletshe la 12;5kg.
Rre Nametshego Madimabe le ene a tswa kwa DRTS kwa Francistown o ne a otlela mofoko a ga Rre Ntemba a kopa boradipalamo tsa setshaba go tlotla tiro ya bone.
A re ba tshwanetse go tsaya tiro ya go pega setshaba e le tiro e e tshwanang le ditiro tse dingwe tse go solofetswe go ntsha maduo a a kgotsofalelwang ke badirise ba dipalamo tseo.
Rre Madimabe a re taxi e tsamaya mo tseleng nngwe le nngwe e tsamayang dikoloi e seng sekontiri fela,are go lebega ba tsene mo kgwebong e bas a itlhaloganyeng.
O ile a ba kopa go begela mapodisi bao ba ba pegang setshaba e se ka fa molao gore ba kgone go tseelwa dikgatlho le go nyeletsa mokgwao oo ka ponyo ya leitlho.
E rile a ntsha la gagwe,mokgweetse wa dipalamo tsa setshaba,Rre Bayapo Gobe a supa fa go sena tirisanyo mmogo ga bone e le boradipalamo tsa setshaba,a re bangwe ba dirile gore ba bob a lejwa ka matlho a mahibidu gore gab a thuse batho se nne.
Rre Gobe o ne a bolela fa ba tshwere bothata jwa ditsela tsa mo motseng ka ga di tsamaege
O ile a tlhalosa fa ene e rile go tsena mo kgwebong eo mo Tutume o fitlhetse dipalamo tseo di sa ise batho kwa mafelo a bay a ng gone ka jalo a tsaya gore ke tumalano ya bone le bapagami.
Boradipalamo tseo ba ne ba lela ka lefelo le ba fudugetseng kwa go lone ba re le kgakala le bapalami gape le nna lefifi fa go setse go nna bosigo ka jalo bapalami ba nna maoto a tshupa go ba lata.
Mogolwane mo lepateng la ditsela la khansele potlana ya Tutume,Rre Kagiso Bishop o ile a supa boradithekisi ka monwana,a re ban a le mokgwa wa go dirisa lefelo le ba hudusitsweng mo go lone go le baakanya bogolo jang go golotswe ko ditiro
A ba kgalemelela mokgwa oo a re go dira jalo go busetsa tiro morago ka ba senya tiri e e dirilweng.
Rre Bishop o ne a tlhalosa fa ba ile ba rerisanya pele fa tiro eo e simolola ba bob a dumalana mme jaanong ba tlhanogetse mafoko a bone.
A supa fa tiro eo e tla wediwa ka kgwedi ya Moranang.
Bangwe ba bapagami ba ne ba supa fa dithekisi tsa Tutume di felela mo sekonotiring di sa ise batho kwa ba go yang,gape ba emisa go isa batho kwa mafelo a ba yang kwa go one a mo tseleng ka nako ya borobabobedi phakela le go duedisa batho P2 fa a relwe kgetsana ya phaletshe.
Rre Ntemba o ne a kopa gore tse ba ntseng ba di drab a sa sale molao morago ba di emise ba simolole go thusa setshaba ka tshwanelo.ENDS
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Bokopanong jwa boradipalamo
Date : 02 Mar 2015