Balwetse ba diphilo ba tlhoka thotloetso
02 Mar 2015
Maloko a lekgotla la batho ba ba tshelang ka bolwetse jwa diphilo ba re lekgola la bone le tlhoka tlhotoetso ka seo se ka thusa bao ba ba tshelang ka bolwetse jwa diphilo go tshela lebaka le le telele.
Se se builwe ke moanamisa mafoko wa lekgotla le, Rre Lesego Botiloeng, fa ba ne ba simolodisa lekgotla la bone semmuso mo Gaborone bosheng. Rre Botiloeng o ne a re bolwetse jo bo sekasekwe, e be bo fiwa dithuso tse di lekanang fela jaaka bo HIV/AIDS.
O ne a re ba tshwenngwa ke gore le ntswa bolwetse jwa diphilo bo tsweletse boa ma bontsi, dithuso di santse di tlhaelela kgakala, a re mo bogompienong balwetse ba botlhoko jo, bona thuso ko kokelong ya Nyangagwe le marina fela, ntswa balwetse ba gasame le lefatshe lotlhe.
“Ba bangwe ka letlhoko la madi le boroko mo mafelong a mabedi a, ba felela ba tlogela kalafi e be ba feletsa ba tlhokafetse.”
Rre Botiloeng o ne a re le gone mo Gaborone ga go motlhofo a re kalafi ya bone e dirwa le bosigo a re go le gantsi fa molwetse a sena go alafiwa o palelwa ke go boela lwapeng, mme ka jalo a felele a robala mo ditilong, a re go k abo go ne go le botoka fa lekgotla la bone le ka bo le ne le na le koloi go thusa balwetse ba ba senang sepalamo.
Moanamisa mafoko o ne a re gore ba kgone ba fitlhelele maikaelelo a bone ba tlhoka go thusiwa ka ofisi, koloi le madi.
O ne a re ba solofela gore dikompone di tlaa anapa dikgwatha tsa bone go thusa goromente, ka goromente a le esi a ka se kgone.
Rre Botiloeng o ne a re ba eletsa go bona dikokelo tsa ko dikgaolong tse di farologaneng di na le fa go thusetswang balwetse ba diphilo ka se, se ka fokotsa mathata a go tlogela kalafi.
Rre Botiloeng o ne a re ba eletsa gore lefatshe la rona le anywe mo mafatsheng a mangwe go bona gore ba dira jang gore balwetse ba bone ba tshele lobaka lo lo leele. O ne a re Batswana ba e le tlhoko tlhoko dikai mme ba iketeeletse ko go ba bongaka nako e le teng. O ne gape a re o kopa gore bahiri ban ne le kutlwelo botlhoko mo balwetseng b aba letelele go tsaya kalafi, e seng go ba koba motirong.
E rile a ntsha la gagwe modulasetilo sa lekgotla le Kitso Otlogetswe, o ne a re lekgotla le le tlhamilwe ke balwetse ba labile letlhoko la bone, a re ntswa go ntse jalo ba tlhokana le bao ba e seng balwetse.
One a a re ntswa lekgotla le le tlhamilwe ka Ngwanaatsele ngwaga e e fetileng, ba setse ban a le maloko a le 100, botlhe e leng balwetse.
Rre Otlogetswe ne are go a ama go bona bagolo ba tlogetse malwapa ko magaeng ba latile kalafi mo Gaborone, a re tota mo gompienong seemo se ka bo se setse se tokafetse
O ne a re keletso ya bone ke go bona kanamiso ya ditirelo tse di thusang bangwe ka bone, a re mo bogompienong bontsi bo tshela ngwaga tse tlhano e be ba tlhkafala, mme a re bobotlana ke jone bo bakang se.
E rile a tshwaela la gagwe Seboifeng Matsietsa o ne a re ka Setswana se re moroto wa esi ga o ele, le bone ba tlaa nna le lentswe go na le fa mongwe le mongwe a ipuelela a le nosi.
O ne a re bolwetse jo fela jaaka a mangwe a a tswhenyang bo a gola, mme e bile a re se, se tlhoka go tsibogelwa.
Rre Matsietsa fa a gola o ne a itse e le bolwetse jwa bagolo mme a re o lemogile gore tot abo ama botlhe, a re go a ama go bona ngwana a tlhatswa diphilo.
O ne are bangwe ba tlhokafetse fa gongwe e le diphoso tsa molwetse mme fa gongwe e le tsa ba bongaka. O ne a re go santse goo tlhoka go rutiwa Batswana ka bolwetse jo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lucretia Chima
Location : GABORONE
Event : Tshimolodiso Lekgotla
Date : 02 Mar 2015