Breaking News

Mmaboipelego o ruta Radisele ka lephata

02 Mar 2015

Mmaboipelego wa Radisele mo kgaolong ya Kgatleng, Mme Galephetsoge Gaongalelwe, a re lephata la gagwe le itebagantse le go thusa batlhoki, bana ba masiela, bana le bogole le go thusa Batswana ka lenaneo la nyeletso lehuma go simolola dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone.

Mme Gaongalelwe o boletse mo phuthegong e neng e buisiwa ke mokhanselara wa kgaolwana ya Radisele Rre Kgosiemang Monare bosheng, gore dingwe tse lephata la boipelego le itebagantseng le tsone ke go sireletsa ditshwanelo tsa bana le go thusa batho ba eleng batlhoki,masiela le bana le bogole ka ditlamelo ditshwana matlo a boroko,diaparo le dijo.

A re lefa ele maikaelelo a Puso go thusa Batswana ba ba kokonetsweng ke manokonoko a botshelo seo, ga se reye gore lephata la boipelego le tla thusa mongwe le mongwe ka jaana batho bangwe ba eleng bana le bogole le masiela bana le dithoto tse ba ka itshetsang ka tsone jaaka dikgomo le madi a tlogetsweng ke botsadi mo dibankeng.

Mme Gaongalelwe o rile banana bangwe ba ba santseng ba itekanetse e bile ba ka kgona go tsweledisa dithuto tsa bone ka lenaneo la thuto ka thaeletsano kana go ikopela mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone jaanong ba ikaegile fela ka lenaneo la Ipelegeng le go bolelwang le diretswe bagolo.

O kgadile asa osheoshe banana ba lefatshe leno ba ba santseng ba goga dinao go dirisa mananeo a Puso go tokafatsa matshelo a bone le go bulela batswana ba bangwe diophatlha tsa mebereko ka go simolola dikgwebo ditshwana temo ya merogo,thuo ya dikoko,dipodi le tshugo ya matlalo.

Mo phuthegong eo modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Mme Boipuso Motsamai o tlhalositse fa maikaelelo a bone ele go aga metlaagana mo maemelong a dipalamo tsa setshaba gore ka dipaka tsa dipula le letsatsi batho ba kgone go tshabela mo go one, mme a bolela fa maikaelelo a bone a ka kgona gotswa tema fa morafe o ka ba ema nokeng ka dithuso tsa madi.Mabapi le ditiro tse di dirwang ka lenaneo la Ipelegeng mo Radisele o boletse fa ba tsweletse le go ntsha ditlhare kwa mabitleng, go phepafatsa mo sekoleng se segolwane le se sebotlana gammogo le go ntsha ditlhare mo ditseleng tse di mo motsing.

Mme Motsamai o tlhalositse fa asa itumedisiwe ke batsadi le banana bangwe ba Radisele ba eyareng ba sena go thapiwa mo Ipelegeng ba adime tshwene marapo fa bangwe ba bone ba tlhola ba robetse kafa tlase ga meriti ya ditlhare ntsawa mmuso o ba duela. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Mahalapye

Event : Phuthego

Date : 02 Mar 2015