Ba Goo Masoko ba dumalana ka kgosana
02 Mar 2015
Banni ba Sorilatholo ba kgotlana ya Goo Masoko ba dumalane ka leina la yo o tla nnang kgosana ya bone.
Ba supile seo kwa phuthegong ya kgotlana eo e buisiwa ke kgosi ya Letlhakeng, Rre Itsoseng Gaoonwe bosheng.
Kgosi Gaoonwe, yo gape e leng leloko la ntlo ya dikgosi, o ne a kopa banni go rurifatsa fa leina le ba le mo neetseng la kgotlana ya Goo Masoko ele lone. O ne gape a kopa gore Rre Basinyi Diphera a tlhomamise gore a o amogela thomo ya gore e nne kgosana ya kgotla eo.
Kgosi Gaoonwe one a tlhalosetsa banni bao fa go tla tla go tlhongwa kgosana eo semmuso mo bogaufing. Fa a latlhela la gagwe Rre Basinyi Diphera o ne a supa fa a amogela thomo ya gore e nne ene kgosana ya kgotlana eo. Mongwe wa banni ba motse oo Mme Theroyame Keokang one a supa fa ba dumalanye ka bongwe jwa pelo gore Rre Diphera e tla nna Kgosana ya bone.
Rre Sekwawela Diphera ene o ne a supa fa ba dumalanye ka bongwefela jwa pelo ka leina le le ntshitsweng go nna kgosana ya bone. Kgosi ya Khudumelapye Rre Edwin Ramokobetwane o ne a supa fa a itumeletse gobo banni ba Sorilatholo ba dumalanye go sena dikgogakgogano gore Rre Basinyi Diphera e nne kgosana ya bone.
O ne a kgotlhatsa kgosana eo gore a dire le batho ka tlotlo,lorato. O ne a tlhalosa fa kgosana e tshwanetse ya tsaya batho ka tekatekanyo fa e ba thusa. One gape a supa fa kgosana tshwanetse go dirisana le dikomiti le batho ba a tlaa bong a ba thusa.Kgosi Ramokobetwane one a gakolola banni ba Sorilatholo go dirisana le kgosana ya bone.
Mo mafokong a gagwe a malebo Kgosi ya Sorilatholo Rre Olebetse Phemelo o ne a supa a itumelela go bo go tserwe leina la kgosana eo. O ne a kopa gore ba okelediwe palo ya dikgosana tsa tetlanyo.Kgosi Phemelo o ne gape a kopa gore ba agelwe maobo a dikgotla kwa Sorilatholo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Senkokame Dibeko
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 02 Mar 2015