Breaking News

Lenaneo la SHHA le mosola

02 Mar 2015

Banni ba Tswapong bokone ba rotloeditswe go dirisa lenaneo la Self Help Housing Agency (SHHA) le puso e le dirileng go thusa Batswana go ikagela matlo.

Fa a bua kwa phuthegong e a neng a e buisa kwa Maunatlala bosheng, molaodi wa kgaolo potlana ya Palapye, Mme Veronica Rabakane, o boletse fa mafelo a Tswapong a tshwenngwa ke dibetso tsa tlholego ka jalo banni ba tshwanelwa ke go aga matlu a a thata go itsa go senyegelwa ke dilwana bogolo jang ka dinako tsa dipula. 

O ne a rotloetsa batsadi go bua le bana ba bone gore ba ba agele matlo ka lenaneo la SHHA ka go sa lopiwe madi a mantsi go aga ntlu ka lone mme ebile go sa lopiwe morokotso. Mo go tse dingwe Mme Rabakane o ne rotloetsa batsadi go tshwaraganela thuto ya bana ba bone mme ba seka ba baya fela mo barutabaneng go betlela bana bokamoso.

Mme Rabakane o ne a itsise banni fa a ya go direla kwa kgaolong potlana ya Kanye go tloga kgwedi ya Mopitlo e rogwa mme a itumetse thata ka ba mo thusitse go gola thata mo tirong ya gagwe.  A re o solofela fa a tla a dirisanya sentle le ba a tla a dirang le bone kwa kgaolong ya Kanye. 

Le fa go ntse jalo banni ba ne ba supa fa ba tla a bo ba latlhegetswe ka Mme Rabakane a ne a dirisanya sentle le bone ebile a ba ruta ditsamaiso tse dintsi le tse ba neng ba sena kitso ya tsone. Rre Tirelo Moganele le Rre Gagoope Semadi ba ne ba bolela fa ba ithutile go le gontsi mo go Mme Rabakane mme ba utlwa botlhoko fa a ya go direla go sele.

Modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye Rre Lesedi Phuthego o ne a rotloetsa ba ba thusiwang ka lenaneo la SHHA go duela madi a ba a lopiwang kgwedi le kgwedi gore ba bangwe ba ba ikopetseng go agelwa ka lenaneo leo ba kgone go thusiwa. 

A re bangwe ba ba thusiwang ka lenaneo le ga ba tsibogele go duela madi a ba a lopiwang mme go tsee nako gore baikopedi ba thusiwe. Rre Phuthego o ne a rotloetsa banni go dirisa mokhanselara wa bone ka e le ene a ka ba lomaganyang le khansele le go ba thusa gore ba nne le ditlhabololo. A re go itemogetswe fa bontsi jwa setshaba ba tshaba diofisi tsa puso mme go sa tshwanela gore ba dire jalo. 

A re ba tshwanelwa ke go nna ba etela diofi sa puso go kopa dithuso tse di farologaneng mme fa ba sa thusege sentle ba kope go fetela kwa go ba bagolwane. O ne a laletsa banni go nna ba ya go itheeletsa makhanselara a bone kwa khanseleleng a bolela fa le bone ba na le tshwanelo eo.

Mo go tsa lenaneo la Ipelegeng Rre Phuthego o ne a bolela fa a swabisiwa nko go feta molomo ka matshwenyego a gantsi a ntshiwang ke banni ka lenaneo la Ipelegeng.A re bontsi jwa banni ba bolela fa ba sa theogele, ba sa thapiwe sentle mme ba tshwanelwa ke go dira ka tlhoafalo go direla lefatshe la bone.  A re lenaneo la Ipelegeng le mosola thata ka le namotse ba le bantsi mo lehumeng ebile le dirile ditlhabololo mo metseng ka go farologana. ENDS

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Lerala

Event : Phuthego

Date : 02 Mar 2015