Breaking News

Monana o itshetsa ka dikoko

01 Mar 2015

Fa bontsi jwa banana ba leba kwa ditoropong go ya go batla ditiro le dikolo ka go farologana,monana yo o dingwaga tse di masome a mararo, Mme Kefilwe Nyepetsi, ene o ne a bona go le botoka go inaakanya le mananeo a a ntshitshweng ke puso go itshetsa.

Mme Nyepetsi yo o tlholegang kwa Mmathubudukwane mo kgaolong ya Kgatleng o tlhalositse mo potsolotsong fa e rile go fetseng ga gagwe mo mophatong wa botlhano ka ngwaga wa 2003 a tshwara ditiro tsa nakwana fela.

O kaile fa erile a sena go utlwa fa puso ya lefatshe leno e ntshitse mananeo ka go farologana gore setshaba segolo thata banana gore ba itshetse ka one ene o ne a ya go inaakanya le lenaneo la Limid kwa a neng a ya go fiwa dikoko ka ngwaga wa 2012. 

A re o ne a fiwa dikoko di le masome a mabedi le botlhano go simolola kgwebo eo ya dikoko a tlhalosa fa ebile tsone di le bogadi bogaufi ka a ne a setse a na le dikoko di le masome a robabobedi morago ga gore a di tlhokomele sentle .

“Dikoko tseo mma di ne di re namola le ba lelwapa, ke ne ke kgona go rekisa ke bona madi mme ebile re dira seshabo ka tsone,le one madi a ke ne ke a bona ne ke kgona go ithekele melora le dilo ka go farologana”,ga tshwaela Nyepetsi.

O boletse fa dikoko tseo di ne di tsala ka ponyo ya leitlho a tlhalosa fa e rile a sena go di fiwa ba ne ba dikenta gore di seka tsa amiwa ke malwetsi a tlatsa ka gore o ne a fiwa le dikgetsi di le lesome le borobabobedi tsa dijo tsa tsone .

“Ne ke di ruetse mo lwapeng ke di diretse hoko ya tsone gore ke kgone go ditlhokomela sentle le gone go itsa gore di seka tsa utswiwa kana go jewa ke dibatana”.

Ka malatsi a sa tle ka go tshwana,Mme Nyepetsi o ne a tlhalosa fa ngwaga o o fetileng kgwedi ya Phalane dikoko di ne tsa tlhaselwa ke bolwetsi mme tsa swa ka bontsi.

A re bolwetsi joo jwa leroborobo bone jwa ama dikoko ka bontsi a tlatsa ka gore o ne a reka pilisi go di siela mme seo sa seke sa thusa sepe a tlhalosa fa a lemogile gore o ne a diega go di rekela pilisi eo ka nako.

O tsweletse a supa le fa gone di ne tsa swa a re go ne ga sala di le supa fela tsa ikgomotsang ka tsone a tlhalosa gape gore mo go rekiseng ga gagwe o ne a kgona go kokotletsa madi a a kanang ka makgolo a matlhano (P500).

A re madi ao mo bogompienong ke one a a dirisitseng go bula semausu go rekisa gore a seka a nna fela mo lwapeng le gone go ithekela melora.

O ne supa gore le fa gone dikoko di ne di na le dipoelo o ne a na le kgwetlho ya go reka dijo tsa tsone a tlhalosa fa di ne di tura fela thata a tlatsa ka gore le bareki le bone ba ne ba reka dikoko tsa teng ka tlhwatlhwa e e ko tlase .

“Bone ne ba lebile gore e ne e le dikoko tsa Setswana mme kana ke ne ke dirisa madi a mantsi go di rekela dijo mme ebile tsone di ne di sa je moroko”. 

O ne a tshwaela gape a re fa dikoko di sena go swa o ne a ya go ikopela go rua dikgomo a tlatsa ka gore o santse a emetse ba ba lebaneng go rurifatsa kopo ya gagwe . 

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : Mmathubudukwane

Event : Potsolotso

Date : 01 Mar 2015