Breaking News

Sekole se akgola barutabana

01 Mar 2015

E rile bosheng sekolo se se botlana sa Madikwe sa abela barutabana bangwe dietsele ba ba badirileng sentle mo dithutong tse ba dirutang.

Fa a bua kwa moletlong wa kabo dietsele kwa Bobonong bosheng, mogokgo wa sekole se sebotlana sa Madikwe, Rre Kelapile Patiko, o boletse fa sekole sa Madikwe e le sa boraro go agiwa mo dikolong tse dipotlana tse di ferang bobedi kwa kgaolong ya Bobonong.

A re sekolo seo sena le baithuti ba le makgolo a marataro le boferabongwe le borataro fa barutabana ba le masome a mabedi le boraro. O boletse fa ba abela barutabana dieetsele tsa godira sentle e le bontlha bongwe ja go ba tiisa moko go dira ka natla gore ba ba saletseng kwa morago ba iketee ka thupana go ntsha maduo a a kwa godimo.

Rre Patiko o supile fa ka ngwaga wa 2014 bane ba bona maduo a 42.9% go tsweng mo barutabaneng ba ba ferang bongwe ,fa mo ngwageng o no wa 2015 barutabana ba le lesome le boraro ba bone 61,9% ba le bane ka ABC fa bale batlhano e le AB. O tlhalositse fa barutabana ba gapa batsadi maikutlo ka go rekela bana bangwe ba ba tswang mo malapeng a a kwa tlase ka go ba rekela paka ya sekolo.

A re ba ipelafatsa ka gore ga gona ngwana yo o duleng mo sekolong bakeng la boimana,a supa fa letlhoko la boroko e le kgwetlho mo barutabaneng a supa fa barutabana ba le lesome e le bone ba nang le boroko moteng mopalo ya masome a mabedi le boraro. O boletse fa batsadi ba sekolo seo ba kokoantse madi a a kanakang P840 go dira moletlo wa go abela barutabana ba ba dirileng sentle di etsele.

Fa a tswa la gagwe Mogolwane wa sekolo sa Botswana International University of Science and Technology Rre Boikobo Paya a re se sebotlhokwa ke go tswa ka tlharabololo le go tsaya kgato ka bofefo mo thutong ya bana bogolo jang e le barutabana. O boletse fa se sebotlhokwa ke gonna le pharologanyo ka fa barutang ka teng kwa bofelong maduo a nna kwa godimo,mme sekolo seo sekgathegelwe ke setshaba ka fa batsamaisang dilo ka teng.

A re e le barutabana baipotse dipotso gore o kgone mo botshelong,fa o sa kgone goithuta,oa go kgona jang go ruta yo mongwe. Mogolwane wa lephata thuto le thabololo dikitso kwa Bobonong a emetswe ke mme Keneilwe Baruti a re go aba dieetsele mogokgo o bone gole maleba go leboga barutabana baipone bale motlotlo.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Dandane kwa Bobonong Rre Keoagile Ramatlotlo a re goruta ke go baya botshelo ja bana mo diemong tse dikwa godimo,a tlhalosa gore ere gona le diemo tse diapereng mo dikolong,mme ba bona gore ba dire thulaganyo ya go abela ba badirileng sentle ka go ntsha maduo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : Bobonong

Event : Kabo dietsele

Date : 01 Mar 2015