Breaking News

Basekisiwa ba gana go letela tsheko kwa ntle

01 Mar 2015

Makawana mangwe a mabedi a dingwaga tse di masome a mabedi ba ba tlholegang kwa Thankane mo kgaolong ya borwa ba boleletse mmakaseterata wa Jwaneng, Mme Segametsi Basinyi, gore ga ba batle go letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo. 

Go ya ka dipampiri tsa lekgotla,Thatayaone Matshwane le Willy Jackson Koto ba e leng baithuti kwa Borolong Vocational Training Centre ba sekisediwa molato wa polao ya ga Pini Lonyatso le go itaya ba bo ba gobatsa Kenneth Gakebatshabe, kwa Thankane kgwedi ya Firikgong ele malatsi a ma tlhano monongwaga.

Ba bosekisi ba eteletswe pele ke Sub-Inspector Edwin Supang ba ne ba kopa lekgotla gore basekisiwa ba letele tsheko kwa ntle ka jaana ditlhotlhomiso tsa bone di tsamaela go wela. 

O ne a kopa gore basekisiwa ba itlame ka P3 000 mongwe le mongwe wa bone ga mmogo le go tla le basupi ba le babedi ba ba ka itlamang ka P1000 mongwe le mongwe wa bone. O ne a tswelela ka go ba kopela gore ba iponatse fa pele ga lekgotla nako tsotlhe fa ba kopiwa go dira jalo le gore ba seka ba dira molato ope fa ba santse ba letetse tsheko.

Mosekisiwa wa ntlha ebong Matshwane one a bolelela lekgotla gore ga a batle go letela tsheko kwa ntle ka gore go ka mo diela nako. O ne a tlhalosa gore go tshwana fela ka jaana e tlaa are a santse a tsweletse le dithuto tsa gagwe go bo go tswa taolo e nngwe gape ya gore ba name ba tshegeditswe kwa kgolegelong mme seo a supa fa se ka kgoreletsa dithuto tsa bone.

Mosekisiwa wa bobedi, Koto ene one a tlhalosetsa lekgotla gore ba dirile kopo ya go letela tsheko kwa ntle kwa kgotleng kgolo ya ditsheko mme ba santse ba emetse phetolo go tswa koo,ka jalo ga ba dumalane le kopo ya ba bosekisi ya gore ba letele tsheko kwa ntle.

 A re ba tsentse kopo eo ka mmueledi wa bone yo ba mo ituelelang. Ba bosekisi ba ne ba tlhalosa gape gore mo legatong le le fitileng motlhotlhomisi wa kgang o ne a rile ditlhotlhomiso di santse di le kwa morago mme jaanong ba kgonne go kokoanya bosupi jo ba dumelang gore ba a bo tlhoka go baakanyetsa tsheko. 

Lekgotla le ne la tsaya tshwetso ya gore basekisiwa ba tshegediwe mo kgolegelong go letela motlhotlhomisi wa kgang kgwedi ya Mopitlo ele malatsi a ma tlhano go tla go tlhalosetsa lekgotla gore, basekisiwa ba sireletsegile go le kae go letelela tsheko kwa ntle segolo jang kwa motseng wa bone wa Thankane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebogang baingapi

Location : Jwaneng

Event : Kgotla tshekelo

Date : 01 Mar 2015