Breaking News

Maratswane o rutwa ka melawana ya majalwa a Setswana

01 Mar 2015

E rile bosheng ofisi ya melawana ya khansele ya etela motsana oo satswang go tlhomamisiwa semmuso wa Maratswane go ba ruta ka molao wa majalwa a Setswana. 

Kgosana ya motse oo Rre Mooketsi Lekgela o ne a tlhalosa fa a itumelela gore morafe wa gagwe o neilwe thuto eo.

O ne a tlhalosa fa e rile bosheng fa ba ofisi eo bale kwa motseng oba bapileng nao wa Malwelwe ane a laleditswe mme a tlhalosa fa dithuto tseo dile botlhokwa. Lekgela one a kopa morafe wa gagwe gore o reetse ka tsoo pedi kago tlile go buiwa ka matshelo a bone a selegae. 

A re batho ba motse oo ba na le go seke batla mo kgotleng faba bidiwa a tlhalosa fa kgotla ele yone eba tswaretseng matshelo aafa sekaika ipelegeng gore fae kwalwa e kwalelo mo kgotleng.Kgosana one a tlhalosa fagona le tlhoka kutlu ya bana mo motseng oo mme sego tlile go buiwang ka sone seka fenya mathata ao.

Kgosana Lekgela are oa itse gore fago buiwa ka majalwa bangwe ba gogomoga maikutlo a tlhalosa gore kana puso gae ise ere go seka ga nowa majalwa yone yare go nowe sentle leka dinako tsedi tshwanetseng. O tlhaloseditse morafe wa gagwe gore ntswa bojalwa ele sejo, ke se sejo se sele sese senang kgomo. 

Rre Lekgela o boleletse ba ofisi ya Byelaw gore erile a sena go utwa dikgang tseba di tlisitseng ko motseng wa gagwe kwa Malwelwe, atla a fetola seemo mo motseng wa gagwe.  Are ka motsana wa gagwe o santse ole monnye, o boleletse baagi gore go apewe majalwa a Setswana aa go apeiwa ka mola, yoo fetsang go rekisa o sutela yo mongwe gona le gore mongwe le mongwe a apee gaa batla ka seo are sena le ditlamorago tse e seng tsone.  

Are fago apeeiwa go nna gontsi goka felela go senya mabele le taodi. Erile a akgwa Kgosi dikgaba, Rre Arcs Ramokhutswana wa ofisi ya Bye law gotswa kwa motseng wa Letlhakeng a tlhalosetsa morafe gore ka motes wa bone ole mosha, bat see malebela mo metseng e mengwe. Oba tlhaloseditse gore fag ole phuthego ya Kgotla pina ya sechaba gaya tshwanelwa go lebalwa ka gope ka ele yone mangmane. 

Oba boleletse gore otlile goba bolelela le goba ruta ka molao oo dirilweng ke bone le baemedi gore e seka yare ka moso babo ba baa ope phoso faba tlola molao bare bone gaba itse sepe ka one. Arcs one tlhalosa faa tlile goba ruta ka molao wa majalwa a puso ea supileng aka nowa, a tlholosa gore ape fela aasa akarediwang mogo aatla a balololang ba itse fa ele majalwa a tlolo molao.Are goromente gaa battle majalwa aa tsenyang bolwetse.

Rre Ramokhutswane one a tlhalosa gore majalwa aa letlelwang a eme jaana; Khadi e omelwa ka moretlwa kana segwere sa moraka ngwaga, Setopoti se sone se dirwang ka magapu, Nkundu jobo dirwang ka morula mme bo tlholega kwa Bokalaka lejwa Ila jobo omelwang ka phaleche kana madila.

One a tswelela kago itsise dinako tsea riling di emeng jaana; ka mosupologo go ema ka labone majalwa ao aka rekisiwa ka nako ya bobedi go ema kaya borataro faka labotlhano le matlhatso go simolwa ka nako ya lesome le bobedi go ema ka nako ya bosupa. 

Ka sontaga go nowa ka nako ya boraro motshegare go ema kaya bosupa maitseboa.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tlholego Nthaga

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego

Date : 01 Mar 2015