Breaking News

Khansele e kolotiwa didikadike

01 Mar 2015

Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Amogelang Mojuta a re khansele ya Selebi Phikwe e kolotiwa didikadike tse tlhano tsa di Pula (P5 million). 

Ratoropo o buile se fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Ikageleng.  A re khansele e palelwa ke go tlisa ditlhabololo dingwe mo baaging jaaka diphaephe tsa kgopho ya metsi a a leswe, metshelakgabo, le paakanyo ditsela ka ntateng ya letlhoko la madi mme khansele e kolotiwa madi a mantsi a ka tsisang ditlhabololo. 

O ne a tswelela ka gore kgokelo ya diphaephe tsa kgopho ya metsi a leswe ga di a lekana mme khansele e solofetsa gore botlhe ba ba sa kgonang tiro eo ba ta thusiwa mo nakong e e sa fediseng pelo. Gape, o ne a ngongerega ka baagi ba ba tsayang madi ka lenaneo la SHAA go tlhabolola matlo a bone a re g ga ba buse madi a ba adimileng gore baagi ba bangwe le bone ba akole lenaneo la teng. 

A gakolola ba ba sa busang madi ao gore khansele e ta fetola ditsetlana le molao go re ba tseelwe dikgato tse d lebaneng. O ne a wetsa ka go kopa batsadi go tlhokomela bana ba bone gore ba se senye matshwao a tsela le dipone tsa mesepele ka go di thuba kgotsa go di kwala.  O ne gape a gakolola bakgweetsi go obamela melao ya tsela go fokotsa tshenyo e ba e dirang ya go thula dipone tsa mekgwatlha.O ne gape a supa fa ba ikaeletse go tlhabolola toropo ka thuso ya ba SPEDU ka go kabakanya itsholelo. A re kompome ya Pula Steel e e simolotsweng go agiwa bosheng e tla hira banana ba Selebi Phikwe le Batswana ka kakaretso ba le sekete. 

Fa ba moepo wa BCL ba ta thama mebereko ka go golagalana le ba khansele le BOCCIM gore toropo e seka ya ikaega ka moepo. Baagi ba kgotla eo ba ne ba ngongorega ka lenaneo la nyeletso lehuma le diteseletso tsa go gweba gore go thata go ka di fiwa. Bare lenaneo la nyeletso lehuma le feletswe ke megopolo, mme go ka nna botoka ba ka itlela ka megopolo go tokafatsa lenaneo. 

Ba ne gape ba ngongorega ka matlakala a asa olweng le leruo le le gobeyang mo toropong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Busang

Location : Selebi Phikwe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 Mar 2015