Barutabana ba Sefhare ga ba itumediswe ke maduo
01 Mar 2015
Barutabana ba sekolo se segolwane sa Sefhare ba tlhalositse fa ba sa itumedisiwa ke maduo a lekwalo la boraro a bana ba ba neng ba kwala ngwaga o o fetileng.
Mothusa mogokgo wa sekolo seo, Rre Mmontshi Maifhala o supile se, mo phuthegong ya batsadi le barutabana kwa sekoleng seo mo bekeng e e fetileng.
Rre Maifha a re maduo ao, a ba swabisitse ka ba ne ba solofetse go le gontsi, ka gore mo dingwageng tse nne tse di fetileng go ne go na le tokafalo ya maduo ka go latelana ga dingwaga, a tlatsa ka gore ngwaga ono go nnile le kwelotlase e kgolo.
A re palo yotlhe ya bana ba ba neng ba kwala ke lekgolo le masome a le supa le botlhano mme palo e ntsi ya bana ke ya ba ba tsereng matshwao a D le U go bo go sa nne le ope yo o tsereng Merit le fa e le A. O tsweletse ka gore bana ba le lesome fela ke bone ba kgonneng go tsaa B fa ba le masome a matlhano ba tsere C.
Rre Maifhala o boletse gore go gama ba ikotlelela ga bone e le barutabana ke nngwe ya dikgwetlho tse di bakileng seemo se. A kaya gore letlhoko la metsi le tlhaelo ya dijo le tsone di nnile le seabe ka bana ba ne ba kgona go tswa pele ga nako ka ntlha ya diemo tseo. Rre Maifhala a re mme gompieno ba simolotse go bereka ka natla gore ba bone maduo a a nametsang mo baneng ba ba kwalang ngwaga ono le dingwaga tse di tlang.
O ne a lelela mo batsading gore ba eme ka dinao go utlwala mo dithutong tsa bana. A re fa ngwana a lemoga gore motsadi ga a supe kgatlhego mo dithutong, le ene ga a tlhwaafale. Rre Maifhala o ne a kopa batsadi gape gore ba rotloetse bana go dira ka natla mo dithutong tsa ditiro tsa diatla ka di le motlhofo go ka ba okeletsa matshwao, mme gape a tsoge a kgona go itshetsa ka tiro ya go na jalo.
Fa ba mo kgwa dikgaba, batsadi le bone ba ne supa fa maduo a ba tlhabisitse ditlhong, mme ba itshupa ka monwana gore ban a le sebae se segolo fela go bo ban aba sa dira sentle. Le fa go ntse jalo ba ne ba solofetsa fa ba tlaa tshwaragana le barutabana gore maduo a bana ba ba latelang a tle a kgathisa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : Sefhare
Event : PTA
Date : 01 Mar 2015