Lobatse o leswe
01 Mar 2015
Khansele ya Lobatse e supa fa seemo sa leswe mo toropong e, se sa jesang diwelang ka jalo ba boloditse letsholo la go phepafatsa tikologo maikaeleo magolo e le go itepatepanya le seemo go thibela go tsenwa ke malwetsi le go ntlafatsa tebego ya toropo.
Se se builwe ke mogolwane go tswa ofising ya tsa botsogo le tikologo Rre Joseph Banyatsang kwa bokopanong jo bo neng bo tshwere ke badiri go tswa kwa maphatheng a puso ka go farologana, badiri ba khansele, dikomiti tsa ditlhabololo tsa dikgaolwana tsa motse kwa ntlo lehalala ya Civic Centre bosheng.
O tlhalositse fa maikaelolo magolo a bokopano jo e le go tla go amogana megopolo go bona gore khansele e ka tshwaraganela kgetsi e ya tiro le setshaba ka kakaretso go phepafatsa tikologo ya bone morago ga dipatlisiso tse di tseneletseng tse di supileng ka boamaruri toropo ya Lobatse e le leswe. A re ba tshenngwa ke dithotobolo tsa matlakala tse di mo malwapeng le matlakala a a latlhelwang gongwe le gongwe kwa ntle ga tetlelelo gammogo le dipampiri tsa ipapatso mo mebileng a re tse ke dingwe tse di leswafatsang tikologo.
Le fa seemo se eme jalo, Rre Banyatsang o tlhalositse fa ba itapatepantse le seemo ka go simolodisa dithuto ka go ruta setshaba ka bodiphatsa jwa tikologo e e leswe, a supa fa ba tla a anamisa melaetsa eo go ralala toropo ka bophara.
Rre Banyatsa a re letsholo le la go phepafatsa tikologo le le tla a simolola beke e e tlang. A re ntswa ba le mo maitekong a go simolodisa letsholo ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya didirisiwa di tshhwana le dikoloi le mechine e e haphegileng ya go sela le go olela matlakala. Le fa go ntse jalo, Rre Batalelwang ba tla a itoma molomo wa tlase go netefatsa gore letsholo le a tswelela ka jalo ba tla a leka ka bonye jwa didirisiwa tse ba nang le tsone.
O tsweletse a tlhalosa fa maikaelolo magolo ka letsholo le ke go phepafatsa toropo ya Lobatse gore e nne lefelo le le phepa ka di nako tsotlhe,ka jalo a gwetlha botlhe go tsaa karolo mo go fitlheleleng maikaelelo ao. O tlhalositse fa khansele e tla a tseela ba ba robang molao dikgato tse di maleba ka jaana tikologo e e leswe e le diphatsa mo matshelong a setshaba.
Fa a tswa la gagwe, Mme Marea Mosweu go tswa kwa Peleng East yo e leng leloko la komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana o gakolotse gore go ka tlhopiwa matlakala aa borai mme dithotobolo di thubiwe, mme a tlatsa ka gore mesele ya kgopo ya metsi a leswe le yone e na le seabe ka ga e a thibiwa ka jalo batho ba e dirisa go latlhela matlakala mo go yone bosigo.
Mme Kelebetse Pelekekae go tswa kwa Tsopeng Bokone ene o gwetlhile khansele go tsaa boikarabelo jwa go anamisa molaetsa ka jaana bone ba na le seriti sa go reediwa go na le fa molaetsa o tla ka moagisanyi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sepape
Location : Lobatse
Event : Bokopano
Date : 01 Mar 2015