Go dira ditiro ka bonya go tshwenya komiti
01 Mar 2015
Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Tsau mo kgaolong ya Ngami, Rre General Kuhanga, o kopile puso go fefosa paakanyo ya kokelwana ya bone e a reng e bonya.
O buile seo jaaka mothusa tona wa lephata la ofisi ya ga Tautona le merero ya badirelpuso, Rre Philip Makgalemele a ne a etetse motse oo go lekola bogogi le gone go utlwa matshwenyego a bone.
A re paakanyo ya kokelwana eo e tsere lebaka le leleele a tlatsa ka gore ga ba dumele fa e tlaa tsamaya e fela. A re megala ya motlakase e sale e goketswe mme ga go na tswelelo pele epe e ba e bonang a supa fa seemo seo se tlaa baka le borukutlhi. O kopile gore baoki ba rekelwe generator go rarabolola seemo gore fa motlakse o kgaogile ba kgone go dira tiro ka tshosologo.
A re seemo sa lefifi kwa kokelong ke mangomo hela le ntswa e na le phaposi ya pelegi a re fa go le bosigo mooki o tshuba toche go thusa balwetsi. Rre Kuhunga o kaile gape fa ba sa jesiwe diwelang ke bonno kwa mooki a re o robala mo kokelwaneng ka ntlha ya letlhoko la matlo a boroko. O tsweletse a re seo se baya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka a ka tlhaselwa ke dilalome.
A re baoki gape ga ba na paka ya tiro mme a kopa puso go tsibogela dikgang tseo. A re baoki ba a fudusiwa mme ba lephata la botsogo ba tsaya nako go emisetsa bao a re seo se baya banni ka fa mosing ka go baka tlhaelo.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Kahunga o kopile gore leobo la kgotla ya bone le katolosiwe le bo le tlhabololwe gore le tshwane le a mafelo a mangwe. O ne gape a lela ka letlhoko la matlwana a boithomelo kwa sekoleng se sebotlana a re ka 2008 go ne ga agwa matlwana mangwe mme ga a bereke. Fa a tsibogela dikgang tseo mothusa tona Rre Makgalemele o ne a supa fa a tla fetisetsa dikgang tseo kwa lephateng le le lebaneng.
Mogolwane wa khansele Rre Goitsemodimo Mosimane yo gape e leng mogokaganyi wa lenaneo la Ipelegeng o ne a tlhalosa fa maiteko a dirile go rarabolola tlhaelo ya matlwana a boithomelo a supa fa ba kgonne go aga di le pedi morago ga go utlwa mokgosi wa gore baithuti ba wetse ke seru.
A re ba kgonne le go baakanya matlo a borobalo a barutabana a le mararo a supa fa ba weditse tiro e bile beng ba matlo ba nna sentle. Rre Mosimane a re ba tlhabolotse le matlo a le mabedi a komiti ya ditlhabololo a supa fa ba kgonne go dira kopo ya gore a gokelwe motlakase. A re tiro e e saletseng morago ke ya go agelela terata ya mabitla mme e tla simolodisiwa fa madi a bonetse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Phuthego
Date : 01 Mar 2015