Ditlhabololo di laolwa ke mabaka
01 Mar 2015
Gore tsela e tshelwe sekonotere go lebelelwa mabaka a le mmalwa. Lengwe la mabaka a ke palo ya dikoloi tse di dirisang tsela ya go nna jalo.
Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o boleleletse batho ba Mahetwe mo kgaolong ya Kweneg mabaka fa a ne a ba etetse ka Labone.
Banni ba Mahetwe ba ne ba kopile gore puso e tshele tsela ya Lentsweletau-Mahetwe le ya Molepolole-Medie sekontere ka ba re ditsela tseo di maswe mo e bileng balwetse ba kgona go tlhokafalela mo tseleng ba re ba ya ngakeng.
Mogolwane mo lephateng la ditsela, Rre Kitso Chubele le ene o iteetse mafoko a ga Tautona moroko fa a ne a tlhalosa gore go lebelelwa mabaka a mantsi fa go tshelwa ditsela sekontere.
A re tona wa lephata la ditsela le ditlhaeletsano, Rre Tshenolo Mabeo o ntshitse taelo ya gore lephata la ditsela le kanoke ditsela tse di ka fokotsang mosuke mo ditseleng tse ditona tsa borwa jaaka tsa Gaborone mme di ya bokone.
A re tsela ya go nna jalo e e ka batlelwang madi ke tsela e e tswang mo Lentsweletau e feta ka Medie le motse wa Kweneng mme e tsamaela kwa Francistown. A re tsela eo e ka fokotsa mosuke go menagane.
O bile a tlhalosa gore ditsela tse di neng di le mo lenaneong la ditlhabololo la NDP 10 tse di saletseng kwa morago di tlaa dirwa pele mo ngwageng wa madi wa 2015-2016. Go ntse go le foo, Tautona o boletse gore puso e ntshitse taelo ya gore mo mafelong a go nang le motlakase diofisi tsotlhe tsa puso di tsenngwe motlakase.
O buile jaana morago ga gore Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Tshetlha Modise a bolele fa diofisi tsa kgotla di se na motlakase ntswa motlakase o le teng mo motseng.
Fa a tshwaela, tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane, o ne a re lephata la gagwe le tlaa oketsa dipalo tsa babereki ba Ipelegeng ka dikete tse pedi mme palo e e tlaa kgaoganngwa dikgaolo tsa botlhophi tse di masome matlhano le bosupa.
O boletse gape fa diofisi tsa kgotla di tlaa gokelwa motlakase mo nakong e e sa fediseng pelo.
Banni ba Mahetwe ba lebogetse mananeo a puso a a farologaneng a tshwana le go gokela motlakase mo motseng, go duelela bana dikole le dithuto tsa bananyana tse di sa tswang go simolodisiwa.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Motsatsi Sechele o boleletse Tautona gore e re ntswa ba lebogela lenaneo la ISPAAD, ba itswetse fela ka ntata ya go tlhoka pula.Fa a akgela ka tsa temo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Modise a re didirisiwa tsa ISPAAD jaaka diterekere di a tlhaela, mme se se dire gore balemi ba felele ba siiwa ke bokgola.
Fa a tsibogela dikakgelo, motshwarelela mokwaledi mo lephateng la temo-thuo, Dr Pharoah Mosupi o kaile fa ditema tsotlhe tse di ka lengwang mo Mahetwe di le sekete, makgolo a mane, lesome le bosupa, mme mo ngwageng ono wa temo go lemilwe ditema fela di le makgolo a marataro le bobedi ntswa diterekere di le masome mabedi le bongwe tse a reng di ka lema ditema tsa masimo otlhe mo dibekeng tse pedi fa di dirisiwa sentle.
A re sebe sa phiri fela ke dipula tse di boutsana e seng tlhaelo ya didirisiwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 01 Mar 2015