Breaking News

Banna ba kgothositse Koo Gae

27 Feb 2015

Mapodisi a Kanye a mo letsomong la banna ba le bane ba e rileng ka mosopologo (Tlhakole 23) bosigo ba kgothotsa Koo Gae Café P3 800, madi a ditshipi a go sa itseweng palo ya one le cheque ya khasele potlana ya Kanye ya P1 400

Supt Kealositse Konyana o boletse mo potsolotsong gore dilalome tseo di tsene ka nako ya fa go tswalwa mme ba laela bomme ba bararo ba ba neng ba ba fitlhetse foo ba theogetse go robala fa fatshe  a ba supile ka sengwe se se lebegang jaaka tlhobolo.

A re banna bao ba ne ba tsaya megala ya letheka ya bomme bao e le mene. A re dibeke tsa bomme ba tsone di bonwe ke bana ba sekolo di latlhetswe mo ntlung nngwe e e sa rulelwang. 

Supt Konyana o kopile setshaba go ba thusa fa ba ka bona bangwe ba ba belaesegang. O ikuetse mo bagwebing go sireletsa dikgwebo tsa bone mo dirukutlhing tse di tsweletseng ka go ba amoga madi a dikgwebo tsa bone.

A re beng ba dikgwebo ba tshwanetse go babalela dikgwebo tsa bone ka go thapa badisa dikago,go tsenya di CCTV gore dirukutlhi di seka tsa ba amoga madi motlhofo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 27 Feb 2015