Breaking News

Tshwene e gobaditse ngwana

27 Feb 2015

Mosetsanyana wa dingwaga tse pedi wa Sepojane kwa Kanye  o gobaditswe ke tshwene kgwedi e no e le masome mabedi le bone kwa lwapeng la ga bone. 

Go ya ka mmaagwe mogolo ngwana yo, mosetsanyana o ne a mo setse morago ba tswa mo ntlung e nngwe ba ya kwa go e nngwe fa a tla a bona ntshenatshe e.

Mme Ruth Mongwaketse a re e ne ya re go tsena mo ntlung a ntshiwa ke selelo sa ngwana mme ya re a re gadi!, a bona tshwene e tsholeditse ngwana e leka go sia ka ene. Mme Mongwaketse a re e rile ba tlhaba mokgosi tshwene e o ya phuaganya ngwana mme ya le botsa phokoje go leba kwa se dingwe di nneng di le teng.

Tshwene e, e gobaditse ngwana yo ka dinala tsa yone. A re ditshwene tse di a tshwenya mo kgaolong ya bone mmego le gantsi di tla phakela, mme di bowe gape maitsebowa. 

A re le ntswa ditshwene di ba tshwenya ka dingwaga tsotlhe, o hakgamaditswe ke tiragalo ya gompieno ya gore tshwene e bo e leka go tsaya ngwana. 

Mme Mongwaketse a re go lebega ditshwene tse di kobiwa ke tlala kwa sekgweng ka jaana e a re fa di ka fitlhela dijonyana mo lwapeng di bo di di lwela, a re gape ga ba tlogele sepe sa bo dijo fa ntle.

A re selo sengwe se se mo hakgamatsang ke gore ba lephata la diphologolo makgabisa naga ba re ga go naka fa baka thusang ka teng fa phologolo e gobaditse motho. 

Mme Mongwaketse a re tiragalo e ga se ya ntlha go diragala kwa lwapeng la gagwe, ka e rile ka ngwaga wa 2007, ngwana yo mongwe a bolawa ke tholo ba ile kgonnye le ba bangwe mme ba lephata le ba seka ba ba thusa ka sepe. 

Maiteko a go bua le ba lephata la diphologo le makgabisa naga a ne a seka a atlega. Mo nako ya fa kgang e e kwalwa ngwana yo o ne a sidilega. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 27 Feb 2015