Banana ba itumelela ofisi
26 Feb 2015
Banana ba Maunatlala mo kgaolong ya Tswapong bokone ba re ba itumelela go bo mokhanselara wa bone a butse ofisi ya gagwe le e go thusetswang banana mo go yone mo motseng wa bone.
Ba re seo ke kgatelopele e kgolo ka go le gantsi makhanselara fa ba a fa banni dithuso tse di farologaneng ba ba thusetsa kwa malwapeng a bone. Mo potsolosong, mongwe wa banana Mme Motlabaseyo Dinale o boletse fa a kgona go ya kwa ofising ya banana mme a kope dithuso tse di farologaneng tse di amanang le banana.
A re pulo ya ofisi ya mokhanselara e rotloeditse banana ba le bantsi go bona dithuso tse di farologaneng tse di ba amang di tshwana le go botsa ka mananeo a a ba lebaneng. Mme Onalenna Tseleng yo le ene e leng monana wa motse wa Maunatlala o boletse fa mo dinakong tse di fetileng ba ne ba bona dithuso ka go latela makhanselara kwa metseng ya bone mme fa gongwe ba fitlhele a seyo.
A re seo se ne se dira gore ba felele ba kgobega marapo go nna ba etela kwa metseng ya bone mme ba felele ba tlolwa ke tse di ba lebaganeng. A re pulo ya ofisi ya mokhanselara le ya banana e ba direla tiro motlhofo ka go beilwe dinako tse ba ka bonang dithuso ka tsone. Mme Maipelo Sakarea yo o thapilweng ke mokhanselara wa Maunatlala mo ofising ya banana o boletse fa banana ba tla kwa ofising ya gagwe ka dipalo tse dintsi.
A re o fa banana dithuso tse di farologaneng di tshwana le dikgakololo ka mananeo a ba a diretsweng ke puso go itshetsa le go tshwara diphuthego gangwe mo kgweding ba buisanya le banana go utlwa tse di ka tswang di ba tshwenya.
A re mo diphuthegong tseo ba tsaya megopolo mo bananeng gore ba ka itlhabolola jang. A re ba boa gape ba rotloetsa banana ka tsa botsogo. A re le dithuso tse di farologaneng di tshwana le fa monana a tla a na le kgang e e mo amileng o mo fetisetsa kwa ofising ya mokhanselara mme a bo a mo fetisetsa kwa go mma boipelego fa a tlhokana le thuso ya gagwe.
Mokhanselara wa Maunatlala Mme Salome Lesole o ne a bolela fa a ne a lemoga fa go tlhokafala ofisi ya mokhanselara mo motseng wa gagwe ka bangwe ba ne ba felela ba nna maoto a tshupa go kopa dithuso tse di ba lebanyeng.
A re o na le tomagano le diofisi tse di farologaneng tsa puso mo motseng wa gagwe mme go dira tiro ya gagwe motlhofo o ne a bona go tshwanela gore a nne le koloi e e tla a dirang tsotlhe tse di tlhokanang le thuso ya gagwe mo motseng.
A re gore ofisi ya banana e kgone go fitlhelela di le dintsi o ne gape a thapa monana gore a thuse banana jaaka ene. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Lerala
Event : Potsolotso
Date : 26 Feb 2015