Ba Otse ba kgothadiwa go nyalana kafa molaong
26 Feb 2015
Banni ba Otse mo kgaolong ya Legare ba kgotlhaditswe go shafatsa manyalo a bone gore ba kgone go neelwa ditlankana tsa manyalo go supa fa ba nyalane kafa molaong.
Kgotlhatso e dirilwe ke kgosi Boithamako Keipone mo lonyalong la kgosana ya kgotlana ya Kgaimena Rre Gaosotwe Masole le mohumagadi wa gagwe, Mme Godiramang Tsietso, ba go bolelwang ele batho ba ntlha kwa Otse go nyalana kafa molaong le go nna le setlankana sa lonyalo.
Kgosi Keipone o boletse mo potsolotsong gore lefa batsadi ba motse wa gagwe bana le dingwaga ba ntse ba nna mmogo e bile ba tshotse bana mmogo le go nna le malwapa e bile bangwe ba bone ba ntshitse magadi, se be sa phiri ke gore batho ba motse wa gagwe ga bana ditlankana tsa manyalo go rurufatsa fa ba nyalane kafa molaong.
A re go nna mmogo ga batho ba sa nyalana e bile bana le malwapa go rontsha bana tshwanelo ya go akola ditshwanelo tsa batsadi ba bone fa ba setse ba tlhokafetse kana batsadi ba bone ba kgaogana ka jaana ba masika ba kgona go gana ka dithoto tseo ka seipatlo sa gore batho bao ga ba nyalana kafa molaong ntswa bangwe ba bone ba ntshitse magadi e bile bana le malwapa mmogo.
Kgosi Keipone yo a neng a akgolela Rre Masole le mohumagadi wa gagwe go nna sekao mo motsing wa Otse ka go nna batho ba ntlha go nyalana kafa molaong le go nna le setlankana sa lonyalo, o rotloeditse morafe wa gagwe segolo jang ba ba setseng bana le bana le malwapa e bile ba ntshitse magadi goya go shafatsa manyalo a bone ka go nyalana mo makgotleng a setswana kana kwa ga molaodi le mo dikerekeng ka le tsone di kgona go ntsha ditlankana tsa manyalo.
A re gole gantsi batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ntswa bana le bana eyare go hulareng ga bone, bana ba bone ba sale ele dikhutsana ntswa batsadi bana le dithoto tse bana bao ba ka itshetsang ka tsone jaaka dikgomo, dipodi, malwapa le masimo a gantsi a ikgagapelelwang ka ba masika.
Kgosi o tsweletse ka go tlhalosa fa dingwe tse di tshwenyang ga baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ele dipolaano tse go tweng ke tsa marato tse phelelong ya tsone di phuaganyang bana ele masiela kana batlhoki mo go pateletsang puso go tlhokomela bana ba go nna jalo.
A re fa baratani bangwe le bangwe gammogo le banyalani bane ba ka nna le seabe sa go tlhokomela bana ba bone, madi a dirisiwang ke lephata la boipelego go tlhokomela bana ba masiela ane a ka dirisiwa mo ditirong tse dingwe tsa ditlhabololo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 26 Feb 2015