Breaking News

Bangwe ba tlaa ora wa mariga

26 Feb 2015

E re le fa bontsi jwa balemi ba lela sa khuranyo ya meno ka seemo sa loapi se se sa iketlang, se akaretsa dipula tse di boutsana gammogo le mogote o ko godimo o o tsweletseng ka go babalela dijalo kwa masimo, bangwe bone ba bolela e e pharologanyo polelo.

Mongwe wa balemi ba ke Mme Tizhani Lentswe, wa masimo a Selolwane kwa Tutume mme nnete e e sa jelweng pheko ke gore tshimo ya ga mme yone e a kgatlhisa, e ntse tala e bile le dijalo tsa yone di nonofile, go itshupa fa a tla roba sengwe.

Mo potsolotsong bosheng, Mme Lentswe o tlhalositse fa a lemile ka lenaneo ka lenaneo la ISPAAD, mme a re o lemile dijalo di akaretsa mmidi, dinawa, lebelebele, manoko, le tse dingwe. Mme Lentswe a re o lemile ka Ngwanaatsele ka pula tsa ntlha, ka maikaelelo a go tshwara bokgola mo mmung. A re dimela di ne tsa diega go tlhoga ka mabaka a pula e e boutsana.

Le fa go ntse jalo, a re ka kgwedi ya Sedimonthole, go ne ga na pula e e neng ya dira pharologanyo, dijalo tsa tlhoga fela thata mme mhero le one wa tlhakalatsa. A re o ne a seka a ipona tsapa ka jaana o ne a tsena mo tshimong ka makuku a naka tsa kgomo mme a kgaogana le yone ka letlatlana ka maikaelelo a go lwantsha mhero o.

Mme Lentswe a re ntle le mhero, dingwe tse a di itemogelang tse di tsweletseng ka go tshwenya ke diji di akaretsa ngadule mo dinaweng le ditshwene tse di senyang mmidi ga mmogo le bo noko ba a epang manoko. Mme Lentswe a re le fa dinonyane di mo tsentse fa le fa, di ja mabele, o dirile maano a go ka di alola ka go bofelela mogala go dikologa ditema tseo mme a re fa phefo e hoka, mogala o o dira modumo o tshosang dinonyane tseo.

Fa o kanoka tshimo ya ga Mme Lentswe o ka itemogela fa e le mongwe wa balemi ba ba tsereng dikgakololo tsa ISPAAD ka tlhwaafalo. A re o lemolotse, a ega, a jwala ka ditselana le gone go tsenya menontshane, sengwe se se kgatlhisang ka ditema tsa gagwe ke gore di segilwe ka botswerere e bile di motlhofo go di ralala.

Mme Lentswe a re tirisanyo mmogo le molemisi wa kgaolo ke yone e e mo direlang tiro motlhofo. O gateletse fa go le botlhokwa go tlotla dikgakololo tsa molemisi ka jaana ke tsone di mo thusang go baakanya fa a sa dirang sentle teng.

A re le fa a lemile go itshetsa le ba lelwapa la gagwe, maikaelelo ke go rekisa bontlha bongwe go bona dipoelonyana. Sengwe se Mme Lentswe a santseng a le sebete se molangwana ka sone ke bangwe bakgweetsi ba diterekere, a re bangwe ba fela pelo ba felele ba dira se se sa tshwanelang ka jaana ba felela ba kopakopanya dipeo mo plantareng e le nngwe. 

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Tutume

Event : Potsolotso

Date : 26 Feb 2015