'Supang lerato ka go abelana'
26 Feb 2015
Moruti Joe Linga wa kereke ya Headmountain kwa Mosetse a re badumedi ba tshwanetse go supa mowa wa kutlwano le lerato ka go thusa batlhoki.
Moruti Linga o buile seo kwa moletlong wa go abela bana ba kereke ya Headmountain ba sekole sa tshipi kwa Tutume ka Sontaga. A re batho ba nna ba ntle ka seaparo sa kereke ba sa itshupe ka ditiro, ba ja ba tsholole dijo ntswa gona le mongwe yo o bapileng le bone yo o tlhokang.
O tlhalositse fa seo a se itemogetse ka ba kereke ya gagwe ka ba kile ba etela lefatshe la Namibia kwa ba ile ba bo ntshiwa bana ba ban eng ba le mo seeming se se sa kgathiseng ba apere makgasa mme gab a a ka ba tsaya kgatlo epe go bona gore bana bao ba bona sengwe se se ka fetolang matshelo a bone.
A gatelela ka gore tumelo e e senang ditiro ga se tumelo ka jalo modumedi o tshwanetse go bonwa ka ditiro tse di supa lorato le bopelotlhomogi. Moruti Linga a leboga tiro ntle e e dirwang ke ba good samarithans purse,a re ke batho ba kwa mafatsheng a kgakala mme ba lemogile fa gona le bana ba ba tlhokang thuso ya bone ka jalo ba kgona go atolosa letsogo la bone ba thuse bokgakala jo bo kalo.
Sebui sa tlotla sa letsatsi leo,mokhanselara wa Tutume borwa,Rre Morris Keaketswe a re seabe sa kereke se se tona thata mo setshabeng ka e aga setshaba,go rotloetsa kagiso le botho. Rre Keaketswe a akgola kereke eo,a re thulaganyo e ba e dirileng entle thata,a tlatsa ka gore kgwedi ya Tlhakole key a lorato ka jalo ba supile lorato mo baneng ba bone.
A re gape kereke e rotloetsa matshego a mane a lefatshe,la boipelego,bopagano le la botho tota.A supa gore mo matshegong a mane ao ke gone mo go dirileng gore batho ba obamele ka tshosologo le thokgamo le kgololosego ya go rapela modimo. O tsweletse a bolela fa go supega fa kereke eo ya Headmoutain e sala molao motheo ka sengwe le sengwe se direlwa mo pontsheng.A ba kopa go tswelela ka mowa o le mongwe ka mo go tla dira gore ba kgone go ngoka maloko a mantsi.
Morutabana wa sekole sa tshipi sa kereke eo,Mme Withus Moeti o ne a tlhalosa fa dimpho tseo ba di filwe ke ba good samarithans purse e le mephuthelwana ya mabokoso go abela ba dingwaga tse nne go ya kwa go tse di lesome le boraro.
Mme Moeti a re ba bonye go tshwanela go abela bana ba ba tsenang sekole sa tshipi go ba rotloetsa go nna bat la dithuto tsa baibile Sontaga mongwe le mongwe.A tlhalosa fa sekole seo se letla ngwana mongwe le mongwe le yo o sa tseneng kereke eo.
A bolela fa ba batla go dira pharologanyo mo matshelong a bana ka bana ba tshwara ka pela gape ba kgona go gakolola batsadi ba bone le go ba sokolola tota. O ile a kopa batsadi go rotloetsa bana ba bone go tsena sekole seo le go ba ema nokeng gore maitiko a bone a atlege.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Kabo dimpho
Date : 26 Feb 2015