Kweneng o saletse kwa morago
27 Feb 2015
Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Frans Van Der Westhuizen, a re o tshwenngwa ke seemo se se sa tokafaleng sa go salela morago ga go diragadiwa ga lenaneo la nyeletso lehuma kwa Kweneng.
E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Medie, mothusa tona a re gore mo nakong eno, lenaneo la nyeletso lehuma le be le santse le le mo thulaganyong ya go thusa batho ba babedi kwa motseng wa Medie go tshwenya ka jaana go kgoreletsa maiteko a puso a go tlhabolola matshelo a Batswana.
A re puso e tshwenngwa ke gore e ipeetse seemo sa go bo e nyeleditse lehuma la nta ya tlhogo mo Batswaneng botlhe ba ba kobo dikhutswane ka ngwaga wa 2017, mme potso ele gore a kgaolo ya mokwena e tlaa kgona go fitlhelela seelo se se beilweng.
E re ntswa seemo sa go diragatsa lenaneo la nyeletso lehuma mo kgaolong ya Mokwena se tshwenya, go supa fa mo Mokwena dikgebo di letse metsi, seemo se sa tokafale mo jaanong mothusa tona a ipotsang gore a ba Mokwena bone ba tlaa bo ba le fa kae fa 2017 a goroga.
Mothusa tona yo abileng ale mopalamenete wa Kgalagadi Borwa a re go a hakgamatsa gore dikhansele ka bontsi di bo di supile kgatelopele le maitlamo mo go diragatseng lenaneo leo mme fa kgaolo ya Mokwena kgobe di etse metsi.
Nngwe ya dikgang tse di tshwentseng tona ke ya go goroga ka bonya ga dirisiswa tsa mananeo a farologanyeng a puso kwa mafelong a tshwana Medie le mororo metse eo ese sekgala sepe se se tshwenyang gotswa mo toropokgolo fa se bapisiwa le metse ya dikgaolo tsa Kgalagadi.
E ne ya re a tsibogela dikgang tsa tiego le bonya jwa go diragadiwa ga lenaneo la nyeletso lehuma mo kgaolong eo, mogolane mo ofising ya boipelego mo kgaolong ya Molepolole/Lentsweletau, mme Dineo Segobai a solofetsa fa ba tshwere ka natla go tokafatsa seemo.
A re ba ipeetse seelo sa go tlhomamisa fa dikopo tsa batho ba le 57 ba ba ikopetseng mananeo a a farologanyeng di di tlaa bo di sekasekilwe le go arabiwa pele kgwedi ya mopitlo e khutla.
E ne erile gole pele mo mafokong a kamogelo, Kgosi Moatlhodi Kgabo, a lekodisa tona fa bodirela puso kwa Medie bo tshwenngwa ke pharologanyo ya dituelo tsa madi a RASA a a duelwang bodiredi jo bo kwa mafelong a a kgakala le ditlamelo. Kgosi a re ba lekile go batla tlhaloso mme nako kgolo ke eno.
Le fa gontse jalo rre Van Der Westhuizen o laetse ofisi ya ga molaodi go batla tharabololo ya kgang e mme ba lekodise ba ba amegang mo nakong e e sa fediseng pelo. Kgosi Kgabo o bile a lela ka seemo sa tsela ya Medie/Lentsweletau gore ga e tsamaege bogolo jang ka dinako tsa dipula.
A re le ntswa a tlhaloganya fa kgang ya go tsennga ga sekonotere e se e e bonolo ba ka lebogela maiteko a go e gopa gore e kgone go tsamaega. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse mme Mmashale Kinnear o lela ka bothata jwa go sa tshwareng ga letshwao la seromamowa sa RB 1 gore le ba kgoreletsa go itse dithulaganyo le mananeo a puso.
Mme o bile gape a ngongoregela tiego ya dituelo tsa bagodi le gore bao madi a bone a salelang morago ba sokola go a bona. Mme Kinnear a re ga ba na mananeo a ditiro tsa sennelaruri a Ipelegeng, fa ese go kgaola ditlhare, a bile a ikuela ka dipalo tse di kwa tlase tsa badiri ba Ipelegeng.
Mookamedi wa lenaneo la dituelo tsa bagodi mme Papadi Nkuvauva, a re maiteko a tsweletse le ba diposo go tokafatsa tsamaiso e e amang dituelo tsa bagodi. O bile a tlhalosa fa gape ba tsweletse go betla tsela ya ka fa thulaganyo e ntsha ya go neela bana-le-bogole dikatso e tla a dirwang ka teng morago ga tshekatsheko.
E re ntswa kgaolo ya mokwena e ntse e lebanwe ke bothata jwa go kgaolwa ga metsi mo diofising tsa makgotla a Setswana, bothata jo bo nnileng teng ka lobaka ka ntlha ya dikolotso tsa metsi, bothata joo go kaega e tla nna dikgang tsa maloba jaaka bodiredi jwa koporase ya metsi bo ne bonala mo kgaolong eo go busetsa seemo mannong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Medie
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Feb 2015