Breaking News

Lephata le tsere tshwetso go somarela diphologolo

26 Feb 2015

Tona wa lephata la tshomarelo tikologo, diphologolo le bojanala, Rre Tshekedi Khama, a re mmuso o tsere tshwetso ya go emisa letsomo la diphologolo ngogola ka go lemoga fa palo ya tsone e ntse e wela kwa tlase ngwaga le ngwaga.

Rre Khama, yo e bileng ele mopalamente wa kgaolo ya Serowe Bophirima, o buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Kudumatse emo go yone a neng a lemotsha batho ba motse oo ka botlhokwa jwa go somarela diphologolo tsa naga ka ele tsone di tsenyetsang lefatshe leno madi ka bojanala.

A re ere ka diphologolo ele tsone di tsenyetsang lefatshe la Botswana madi ka bojanala e bile di buletse Batswana bale bantsi diphatlha tsa mebereko, ke sone se lephata la gagwe le tsereng tshwetso ya go emisa letsomo la diphologolo gore di kgone go oketsega.

Rre Khama o boleletse banni ba Kudumatse fa lephata la gagwe le abetswe P30 million ele madi a tla dirisiwang go epela diphologolo didiba tse di ka bonang metsi mo go tsone e bile a tlhalosa fa maikaelelo a bone ele go oketsa bodiredi jwa lephata leo le go aga diofisi tse dingwe kwa Palapaye le Mahalapye go imolola ofisi ya Machaneng morwalo.

Tona o tsweletse ka go tlhalosa fa ba utlwaletse menahune ya gore batho bangwe mo dikgaolong tsa lefatshe leno ba kgaola diterata masigo ka maikaelelo a go todisetsa diphologolo mo dipolaseng tsa bone, mme a re ba ba ka tshwarwang ba dira jalo ba tla digama ba sa dithapela.

E rile Rre Khama a itebagantse le ngongorego ya setshaba mabapi le tshenyo e dirwang ke diphologolo mo masimo, a kopa Batswana go thusana le mmuso go soramela diphologolo le go emisa go di bolaya fa di tsene mo masimong a bone ka jaana tsone le dikgomo ele tsone tse batho ba lefatshe leno ba ka ikaegileng ka tsone go tswakanya itsholelo ya lefatshe. 

Mabapi le ngongorego ya banni ba Kudumatse ya metsi a tshelwang mo nokeng ya Mahalapye, mme atswa mo matlwaneng a boitiketso, Rre Khama o tlhalositse fa lephata la gagwe le buisantse le lephata la meepo,kgotletso le metsi go emisa go tshela metsi a leswe mo nokenmg eo ka jaana a ka nna a tsenya batho le diphologolo tsa naga gammogo le dikgomo bolwetse.

Tona o rile ere ka batho ba Kudumatse ba tshela sentle le diphologolo e bile bana le kgatlhego ya go nna le lefelo la bojanala, lephata la gagwe le ka kgona go ba ema nokeng ka go simolodisa lefelo la go nna jalo gore le bone ba kgone go inatswa menwana jaaka Batswana ba dikgaolo tse dingwe ba ba itshetsang ka bojanala.

Mookamedi wa lephata la diphologolo le bojanala Rre Charles Mojalemotho, a re ere ntswa ba dumelana le setshaba gore diphologolo di dira tshenyo mo dijwalong le go kgaola diterata tse di ageletseng masimo, o kopa gore setshaba se ba inele diatla metsing ka jaana ba tlhaelelwa ke bodiredi gammogo le dikoloi tse ba ka di dirisang go potakela dipego tsa tshenyo e dirwang ke diphologolo.

Rre Mojalemotho o boletse fa kgotlhakgotlhano fagare ga batho le diphologolo e bakwa ke go oketsega ga dipalo tsa batho le diphologolo ntswa lefatshe lone le sa kgone go oketsega e bile a bolela fa mathata a mangwe a bakiwa ke leuba le boutsana jwa dipula jo bo dirileng gore diphologolo ditshwana ditlou, diphala le ditholo di phatalale le lefatshe leno ka maikaelelo a go tsomana le metsi.

Mo phuthegong eo banni ba Kudumatse bane ba itumelela loeto la ga tona mo motsing wa bone e bile ba bolela fa ele tona wa ntlha wa lephata la diphologolo le bojanala go etela kwa motsing oo. Bare letshwenyego la bone ke tshenyo ya diphologolo mo masimo le dibatana tse di bajelang loruo, mme ba sa kgone go phimolwa keledi.

Rre Mojalemotho o kgotlhaditse balemi ba tikologo eo go ipopa ditlhopha tse ka tsone ba ka ikopelang lenaneo la go agelela masimo mo lephateng la temo-thuo go tila go senyetswa ke loruo le diphologolo. ENDS

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Feb 2015