Magogwe o belaela lomepe
26 Feb 2015
Banni ba Pilikwe mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami ba gana nnang wa banyana kgang ya go tlhongwa ga mabolokelo a nakwana a dithoto tse di didirisitsweng.
Ba re ba tshosiwa ke gore dilo tse di ka nna borai mo matshelo a batho, leruo le mo diphologolong fa di ka seke tsa direlwa mabolokelo a a sireletsegileng pele ga di ka busediwa morago.
Mabolokelo a a akantsweng ke a puso e ikaeletseng gore didirisiwa tse di sa tlholeng di le mo tirisong jaaka tsa dikokelo, meepo, ditsela, thuto, temo-thuto, go dupa di-tswa mmung le go rutuntsha, di somarelwe teng.
E rile a ile go leka ditlhare bothitho, tona wa dikago, boranyane le boitseanape, Rre Nonofo Molefhi a re o lemogile fa gongwe morero o ne wa seka wa tsamaya sentle kwa tshimologong, a tlhalosa fa mabolokelo ao a le mosola go lebeletswe seelo sa lekgotla la ditshaba.
Tona Molefhi a re puso e kgathala ka matshelo le botsogo jwa setshaba ga go na ka fa e ka tsenyang batho mo diphatseng ka teng, fela kgang ke gore go ne ga tlhophiwa motse wa bone go ka aga lefelo leo, a supa fa lefelo leo e le le le dirwang ka ditumalano tse di tseneletseng tsa lefatshe leno le ba lekgotla la ditshaba.
O ne a supa fa kago e e akantsweng eo e le ya maemo a a kwa godimo e bile e tshwanelwa ke go nna mo seemong le mo selekanyetsong sa lekgotla la ditshaba, a re lefelo leo le ya go tshwara dithoto tseo mo sebakeng se se seng kae pele ga di busediwa kwa mafelong a di neng di rekwa kwa go one.
O ne a dumelana le morafe gore morero o ne wa fapoga, mme a re go mo maruding a morafe go tla ka ditsela tse kgang e ka buisanngwang bonolo ka tsone e dumalanwa le e sa dumalanwe gore go fitlhwe kwa motsubong go na le go dikologa seolo.
A re kgang e e tlhoka kelelelo le kutlwisisano ka e bile e na le sebaka e ntse e buiwa mme e sa wela.
Tona Molefhi a re dilo tse di buiwang tseo ba tshela le tsone letsatsi le letsatsi mo malapeng a bone, fela go lemogilwe borai le bodiphatsa jwa tsone, ke gone ka moo go tshwanetseng ga nna le tsamaiso e e lolameng ya pabalesego le tshireletso ya ka fa di ka tshwarwang ka teng go dibela matshelo a batho, diruiwa le bana.
O ne a fa sekai a re dilo tse ke dingwe di tshwana le diipone tsa kokelo, metshine e e neng e didirisiwa go aga ditsela le go dupa mebu, le tse di dirisiwang ke baithuti ba ba ithutelang bongaka kwa mmadikole, didirisiwa tsa boranyane.
Kgang e, e na le dingwaga di le lesome e ntse e pala go wela ka morero o ne o sa lolama, e bile banni ba Pilikwe ba isitse kgang kwa lekgotleng la ditsheko.
Mongwe wa banana yo o eteletseng setlhopha se se emetseng Pilikwe, Rre Max Garekwe a re ga ba kgatlhanong le ditlhabololo, fela ba ganana le seemo se ba sa fiweng sebaka sa go buisana ka kgang eo.
A re ba ne ba baba lobadi fa ba bona boradikonteraka ba etela motse wa bone kgapetsakgapetsa pele ga kgang e wediwa, mme seo sa ba tsenya leoto la boraro ba monela marulana pele, ba bo ba felela ba le kwa kgotleng kgolo ya ditsheko ka kgang eo.
Rre Kagiso Tshukudu le ene a le mo lekokong le le emetseng Pilikwe a re ba ntse ba emetse go utlwa maikutlo a puso ka kgang e, mme a kopa morafe go fa Tona Molefhi sebaka.
Morago morafe o ne wa supa fa o le kgathanong le go tlhongwa ga mabolokelo, ba supa fa lefelo le le sikilweng e le gone kwa motse wa bone o golelang teng e bile le le fa gare ga motse.
Borre Gasebalwe Seretse, Gorewamang Monageng le Mme Mmapula Khunong le Morago ga go ntsha otlhe mabaka, botsadi bone ja obega, mme ba felela ba amogela tona le gone gore ba tlaa buisana gore ba seegele kgang ya bone fa thoko go fa puso sebaka sa go buisana le bone.
Tona Molefhi ene yare morago ga go obega moo ga morafe a supa fa baya go fa barongwa ba morafe sebaka sa go ithulaganya go tla ka lenaneo la dipuisano le le tlaa tsisang tharabololo.
A re le puso e tlaa amogela se ba se akantseng, fela fa ba sa ba kgopakgopetsa le go tshosetsa puso ka go e baya selepe mo molaleng go lebeletswe gore tsheko e a tsena.
Mo malebogong, Mokhanselara Gadialala Moinami o ne a ‘ntwa kgolo ke ya molomo’. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PILIKWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 26 Feb 2015