YDF e ogotse ba bantsi
25 Feb 2015
Go bolelwa fa go tlhangwa ga lenaneo la Youth Development Fund (YDF) le le itebagantseng le go thusa banana ka madi gore ba itshimololele dikgwebo go tokafaditse matshelo a banana ba le bantsi.
Go tlhalositse jalo banana bangwe ba Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba ba akotseng lenaneo le mo potsolotsong le BOPA bosheng.
Banana bao ba kaile fa YDF e le lengwe la mananeo a puso e a tlhamileng go tlhabolola matshelo a bone le le supang kgatelopele.
Ba supile fa ba itshimololetse dikgwebo tse ba rurifatsang fa di na le seabe mo go tswakanyeng itsholelo ya lefatshe leno le go tlhama mebereko.
Mme Montlafatsi Gaoakanye wa kgotla ya Mabudi kwa Takatokwane a re ene o inaakantse le lenaneo le ka 2009, mme a thusiwa ka P98 000 go ipulela kgwebo ya go roka e a supang fa e kgonne go tlhamela banana bangwe mmereko.
A re o ne a kgona go reka metshine e e rokang, matsela le tse dingwe mme a simolola kgwebo ya Stich mate Tailors.
A re e ne ya re kwa tshimologong kgwebo ya gagwe ya seka ya dira sentle ka ntlha ya go tlhoka mmaraka, mme a seka a itetlelela go fenngwa ke boitlhobogo.
A re o ne a lemoga fa go roka mateisi le diaparo tsa manyalo go se na dipoelo, ka jalo a simolola go roka paka ya dikole.
O supile fa kgwebo ya gagwe e ne ya itshetlela ya bo ya dira sentle ka a ne a simolola go abelwa ditiro tsa go rokela ba ba thusiwang ke puso, mme a supa fa mo nakong eno kgwebo e tsweletse e gola.
A re lenaneo le, le dirile pharologanyo e ntsi mo botshelong jwa gagwe, e bile ke ene a tshetsang ba lolwapa lwa gagwe, mme a rotloetsa balekane ba gagwe go tlhabolola matshelo a bone boemong jwa go ganelela mo lenaneong la Ipelegeng le le diretsweng go thusa batho ba ba seng mo meberekong go bona se ba ka itshetsang ka sone.
Monana mongwe, Rre Kagiso Kasefitlhela yo a thusitsweng ka lenaneo le e bile a butse kgwebo ya thuo ya dikgomo ya leina la Ikemela Farm, o ne a leboga lenaneo le ka le mo ntshitse mo lehumeng, a kaya fa a na le moraka wa dikgomo tse di masome mabedi le bone.
A re e sale a fiwa dikgomo tse,o tshwere ka thata go di tlhokomela ka e le jone botshelo jwa gagwe, mme a supa fa di tsweletse ka go ata ntswa go na le kgwetlho ya malwetse a leruo.
O ne a kopa puso go tswelela e thusa banana ka YDF gore ba itshimololele dikgwebo ka e tsentse tlhako kgamelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 25 Feb 2015