Breaking News

Sekotsekara se borai

24 Feb 2015

Bana ba sekole se sebotlana sa Werda ba gakolotswe go emisa go kgweetsa dikotsekara ba le bosi  ka go le borai e bile go  na le kgonagalo e e kwa godimo ya dikotsi.

Kgakololo e, e builwe ke leloko la komiti ya ipabalelo tseleng mo Kgalagadi Borwa, Mme  Masego Riez bosheng mo letsholong la go gasa molaetsa wa ipabalelo tseleng ka lenaneo la Back-to-School kwa sekoleng seo.

Mme Riez  o boletse fa  maikaelelo magolo a komiti eo  e le go gasa molaetsa ka ipabalelo tseleng ka seo se ka ba thusa go ikgapha mo dikotsing.

Bana bangwe ba ne ba supa fa batsadi gantsi ba ba  roma go ya go rwalela le go ga metsi ka dikotsekara kwa merakeng. 

Mme Riez o ne a kaya fa  sekotsekara se ka kgweediwa  fela ke ngwana yo o dingwaga tse di lesome le bobedi go ya kwa godimo ka a na le boikarabelo e bile a ka kgona go fema kotsi.

O kaya fa gape dikotsekara di tshwanetse go tsenngwa dipekepeke gore di kgone go lemogwa sentle ke bakgweetsi fa go le bosigo, a tlhalosa gape ka fa ditonki di tshwanetseng go golegwa ka teng mo go babalesegileng ka bobedi e seng ka  bontsi.

O ne a ba gakolola go tlhoka go tshamekela mo ditseleng ka ba ka felela ba thulwa ke dikoloi, a supa fa mabala e le one mafelo a a babalesegileng gore ba ka tshamekela mo go one.

 Mogolwane go tswa mo sepodising sa Werda mo lekalaneng la pharakano, Inspector Jimmy  Rasina o ne a tlhalosetsa bana ka fa ba tshwanetseng go kgabaganya tsela ka teng. 

Inspector Rasina o ne a supegetsa bana mekwalo e e rutang ka ipabalelo tseleng, mme morago ga dithuto tseo lekoko leo,  le ne la nna le sebaka sa go botsa bana dipotso mabapi le se ba se rutilweng, mme ba ba neng ba kgona go araba ba ne ba ba neelwa dimpho go ya ka mephato ya bone.

Komiti eo, e e neng e ikgaogantse ka ditlhopha tse nne mo letsholong le,  mo nakong ya gompieno e setse   etetse sekole se sebotlana sa Kolonkwaneng, Bogogobo, Sam Mackenzie le Werda.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : WERDA

Event : Letsatsi la kanamiso ya lenaneo la sekole

Date : 24 Feb 2015