Breaking News

Badiri ba akgolelwa go dira ka natla

24 Feb 2015

Babereki ba lephata la temo-thuo kwa kgaolong ya Bokone Bophirima ba gwetlhilwe go tswelela ka tiro e ntle ya go tsholetsa serodumo sa lephata la bone gore le kgone maikaelelo a lone.

Dibui ka go farologana di gwetlhile jalo bodiredi kwa moletlong wa kabo dimpho ya ba ba dirileng ka botswapelo mo tirong ngogola.

Mongwe wa dibui,motshwarelela mogokaganyi wa tsa temo-thuo, Rre Kenneth Mabote o ne a akgola ba ba neng ba abelwa ditlankana a re go a itumedisa go bona ba tshwere ka natla go neela morafe ditiro tse ba di tlhokang.

A re lephata la temo-thuo le ne la supega le sa dire sentle mo go iseng ditirelo kwa setshabeng fa le tshwantshanngwa le a mangwe, a tlatsa ka go re mo maphateng a le lesome le borataro ba ne ba bone maemo a lesome le bone.

A re morago ga foo, bodiredi bo ne jwa iphutha metlhala, jwa bo jwa itoma molomo wa tlase ba tsholetsa serodumo sa lephata go tswa kwa tlase mme ba bona maemo a borataro.

Rre Mabote a re seo e ne e le maiteko a magolo e bile go supega fa bodiredi bo ikemiseditse go kgona maitlamo a lephata. 

A re ke ka moo puso e neng ya bona go tshwanela gore bodiredi jo bo dirang ka natla bo lemogwe ka go fiwa dimpho e le tsela ya go ba kgothatsa.

O gwetlhile bodiredi go tswelela ba dira bontle go fitlhelela ba bona maemo a ntlha, a tlatsa ka go re go botlhokwa gore ka bongwe ka bongwe ba lemoge fa tiro e ba e dirang e ka dira pharologanyo gore lephata le kgone moono wa lone.

A re e re le ntswa kgaolo ya Ngamiland e aperwe ke dikgwetlho tsa malwetse a loruo le leuba, bodiredi bo tsweletse ka go dira ka bokgabane. 

Mogolwane wa lephata la matlhoko a loruo, Dr Obakeng Kemolatlhe o ne a akgola bodiredi a re maiteko a bone a fa lephata seriti ka jaana ba itumedisa le bone ba ba ba neelang ditlamelo.

A re botlhe ba na le seabe se setona mo lephateng ka kwa bofelong ba eletsa go bona molemi le morui ba akola mananeo a puso ga mmogo le ditirelo. 

A re fa ba sa diragatse maitlamo a lephata e bile barui le balemi ba sa itumele go tshwana fela le ba ntse kwa malwapeng. 

Dr Kemolatlhe a re e re le ntswa bodiredi bongwe bo sa dire le morafe, le bone ba dira tiro e tona ka ba thusa ba ba kopanang le morafe go kgona tiro ya bone.

A re fa bodiredi bo dira sentle bo tiisa mooko ba ba tshwaraganetseng tiro le lephata, a ntsha sekai sa beng ba diterekere a re fa ba duelwa ka nako ba tlaa dira tiro ka matsetseleko.

Dr Kemolatlhe a re e re ka lephata la temo-thuo le ikemiseditse go ntsha dijo tse di lekaneng, seo se ka kgonagala fela fa bodiredi bo ntsha maduo mo tirong. 

A re ba eletsa go bona lefatshe leno le kgona go ijesa le gone go jesa mafatshe a mangwe ga mmogo le go fa mafatshe ao a a amilweng ke lehuma fela jaaka tebelopele ya lefatshe leno e gatelela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Moletlo wa kabo dimpho

Date : 24 Feb 2015