Dinonyane di botlhokwa
23 Feb 2015
Mogolwane mo lekalaneng le le ikemetseng la Birdlife Botswana o kgothaditse barutabana go lemoga boleng le go tlhokomela dinonyane gore di seka tsa nyelela.
Mme Tania Monggae o buile se mo thutopuisanyong e lekalana le neng le e rulagantse kwa sekoleng se sebotlana sa Boribamo kwa Molepolole ka Labotlhano (20/02/2015).
O kgothaditse barutabana go rotloetsa bana ba dikole go tsena mokgatlho o o itebagantseng le tsa tikologo kwa a tlhalositseng e le gone kwa ba ka ithutang sentle ka tlhokomelo ya tikologo ga mmogo le dinonyane.
A re go tlhokomela dinonyane go ka fa Botswana sebaka sa go tswakanya itsholelo ka bojanala jwa tsone.
“Re itebagantse segolo bogolo le go tlhokomela dinonyane tse di gomagomediwang ke go nyelela,” a tlatsa.
Mme Monggae a re dinonyane di tshwana le kgori, e e leng yone nonyane ya setshaba le lenong, di gomagomediwa ke go nyelela.
O boletse fa kgori e nyelediwa ke gore magodu a diphologolo a gweba ka yone kwa mafatsheng a sele mme ba tsaya mae a yone gore a ye go thubela koo ka go le thata gore baka tlola molelwane ka yone, selo se a reng se itsa nonyane e go ata, mme a re lenong lone le nyelediwa ke gore one magodu a le barui, ba a tsenyetsa botlhole mo diphologolong tse di suleng. O kopile barui go emisa go dirisa botlhole ka bo nyeletsa manong mme a akgolela ba lephata la temo-thuo go bo ba simolodisitse tiriso ya segootsane go koba thaga e e tshwenyang balemi, mo boemong jwa go e bolaya ka botlhole jaaka fa go ne go dirwa pele.
E rile atswa la gagwe, moeteledipele wa mokgatlho o o itebagantse le thuto ka tsa tikologo, Rre Godiraone Batlhalefi a tlhalosa fa mokgatlho oo, o itebagantse le tikologo ka kakaretso, matlwana a boitiketso le one mabala a bana ba a dirisang tota. A re tikologo e e sa tlhokomelesegeng e bile e le makgwakgwa e ka gobatsa bana ka ditsela tse di farologaneng mme a tlatsa ka go re go botlhokwa gore ba feme dikgobalo pele ga di diragala.
Rre Batlhalefi a re mokgatlho o ga o a itebaganya fela le bana ba dikole mme o tsenya le batsadi mo teng gore le bone ba itse mosola wa go tlhokomela tikologo ya dikole le ya bone tota.
Rre Batlhalefi o ne a wetsa ka go re ka lebaka la go tlhoka kitso, barui bangwe ba ne ba atle ba siele loruo metsi a setshaba.
A re le fa bangwe ba sa ntse ba dira jalo, selo se se beile Botswana ka fa mosing ka jaana a lebaganwe ke kgwetlho ya go tlhoka metsi mo dikgaolong dingwe.
O rotloeditse barutabana go ititaya ka thupana mo go ruteng bana ka botlhokwa jwa go tlhokomela tikologo e le ene a reng e na le thata ya go tswakanya itsholelo ya lefatshe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : MOLEPOLOLE
Event : Thuto-puisano
Date : 23 Feb 2015






