Kgwele ya dinao e ngoka borre
23 Feb 2015
Mogokaganyi wa mananeo a bolwetse jwa AIDS, Rre Callistus Jackalas a re kgwele ya dinao e na le seabe se setona mo go rotloetseng borre le setshaba ka kakaretso go itlhatlhobela mogare.
Rre Jackalas o buile jalo mo potsolotsong kwa Maunatlala ka Matlhatso kwa go neng go tshwerwe dikgaisanyo tsa kgwele ya dinao tse di neng o itebagantse le go rotloetsa setshaba, bogolo jang borre go itlhatlhobela HIV.
Dikgaisanyo tseo di ne di rulagantswe ke ba Tebelopele Voluntary Counseling and Testing Centre le ba komiti ya kgaolo e e itebagantseng le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS (DMSAC).
Rre Jackalas a re dipalo tse ba neng ba di bona fa ba dirile metshameko ya kgwele ya dinao di a nametsa ka ba kgona go bona palo e ntsi ya ba ba itlhatlhobelang mogare.
A re ba ne ba simolola Tlhakole e tlhola malatsi a le lesome le borataro go fitlha e le masome mabedi mme ba tsamaya mo metseng ya Maunatlala, Mokokwana, Mosweu, Seolwane le Lerala ba tlhatlhobela banni mogare.
O boletse fa ba ne ba wetsa thulaganyo ya bone ka go rulaganya motshameko le ditlhopha tsa kgwele ya dinao go tswa kwa metseng eo, maikaelelo e le go oketsa dipalo tsa ba ba itlhatlhobelang HIV mme bontsi jwa ba go neng go itebagantswe le bone, bogolo jang borre, ba ne ba itlhatlhoba.
Mogolwane go tswa kwa Tebelopele kwa Palapye, Rre Mbako Tawana o kaile fa ba ne ba bona batho ba le lekgolo, masome a roba bongwe le borobabobedi ya ba ba itlhatlhobelang HIV mo bekeng e le nngwe kwa dipolaseng tsa Sheerwood mo nakong e e fetileng mme e ke palo e ba kgonang go e bona mo kgweding kwa diofising tsa Tebelopele.
Rre Mbako a re go a itumedisa go bona mo malatsing ano setshaba se tsweletse ka go tsibogela pitso ya gore ba itlhatlhobele mogare ka ba felela ba bona dithuso kwa dikokelong fa ba fitlhelwa ba na le mogare.
Bafenyi ba motshameko oo wa kgwele ya dinao e ne ya nna setlhopha sa Lerala fa ba ba ba tlhatlhamang e ne ya nna ba Mokokwana/Mosweu.
Bafenyi ba ne ba atswiwa ka kopi le dietsele fa ba ba ba tlhatlhamang ba ne ba fiwa dietsele.
Motshameki yo o ba gaisitseng le ene o ne a fiwa seetsele.
Ditlhopha tsotlhe tse di neng di tseneletse metshameko eo di ne tsa atswiwa ka bolo sengwe le sengwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Potsolotso
Date : 23 Feb 2015






