Breaking News

Barutabana ba Boribamo ba tswa modiri ka bone thuso

24 Feb 2015

Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Boribamo kwa Molepolole, Mme Boitumelo Kebonyekgosi a re ba gwetlhilwe ke pilara ya tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala go rekela lolwapa lwa modiri ka bone dijo.

O buile se fa ba ne ba isitse dijo tseo kwa ga gabo Rre Phodiso Mojalemotho mo kgotleng ya Mparalatsane ka Labotlhano (20/02/2015) kwa Molepolole.

Mme Kebonyekgosi a re Rre Mojalemotho, yo o direlang kwa sekoleng seo ka fa tlase ga lenaneo la Tirelo Setshaba o itsesitse mogokgo go le pele fa a oka mmaagwe, mme go le boima ka e le ene fela yo a tshwereng ka diatla mo go ba lolwapa lwa ga gabo.

A re e ne ya re morago mogokgo a ba lebisa seemo se e le bogogi ba sekole le barutabana mme ba bona go le maleba go ititaya dipata mme ba kgobokanya P650, a ba neng ba a dirisa go reka dijo le motlakase.

O ne a tlatsa ka go re boitshwaro le maitseo a ga Rre Mojalemotho mo tirong ya gagwe le tsone di ba rotloeditseng thata, a tlhalosa fa e le ngwana yo o romegang, a utlwisisa e bile a le boikobo.

Fa atswa la gagwe, moeteledipele wa lephata la ba-na-le bogole mo sekoleng sa Boribamo, Rre Keneilwe Phuthologang o boletse fa e rile go utlwalela ka seemo sa ga Rre Mojalemotho, ba amega thata mo maikutlong mme ititaya ka thupana go bona gore ba na thusa jang.

Mo go boora Mojalemotho ya bo e le boitumelo fela jaaka fa ba ne ba nesetsa mafoko a ga mothusa mogokgo le dijo pula. 

Mme Mmabotho Gaongalelwe yo e leng nkukuagwe Phodiso o ne a lebogela dijo tse mme a tlatsa ka go re di  tlaa nna molemo o o tlaa tsisang le yone pholo mo ngwaneng wa gagwe e bong Mme Irene Mojalemotho.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : MOLEPOLOLE

Event : Tiro ya sekolo ya go thusa modiri-ka-bone

Date : 24 Feb 2015