Breaking News

Lenaneo la YDF le tswa tema

22 Feb 2015

Go bolelwa fa go tlhamiwa ga lenaneo la Youth Development Fund (YDF) le le itebagantseng le go thusa banana ka madi gore ba itshimololele dikgwebo, go tokafaditse matshelo a banana ba le bantsi ka go ba ntsha mo lehumeng la letlhoko la ditiro.

Go tlhalositse jalo banana bangwe ba motse wa Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba ba akotseng lenaneo le mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng.

Banana bao ba kaile fa lenaneo la YDF, e le lengwe la mananeo a puso e a tlhamileng go tlhabolola matshelo a bone le le supang kgatelopele le kgolo.

Ba supile fa ka thuso ya lenaneo le ba itshimololetse dikgwebo tse ba rurifatsang fa di na le seabe se segolo mo go tswakanyeng itsholelo ya lefatshe leno le go tlhama diphatlha tsa mebereko.

Mme Montlafatsi Gaoakanye wa kgotla ya Mabudi kwa motseng wa Takatokwane a re a re ene o inaakantse le lenaneo le ka ngwaga wa 2009,mme a thusiwa ka madi a a ka tshwarang P98 000 go ipulela kgwebo ya go roka e a supang fa e kgonne go tlhamela banana bangwe diphatlha tsa mmereko.

A re o ne a kgona go reka mechine e e rokang, matsela le tse di dingwe mme a simolola kgwebo ya gagwe e e kwadisitsweng ka leina la Stich mate Tailors.

A re e ne ya re kwa tshimologong kgwebo ya gagwe ya seka ya dira sentle ka ntlha ya go tlhoka mmaraka,mme a seka a itletlelela go fenngwa ke mowa wa boitlhogo.

A re o ne a lemoga fa go roka mateisi le diaparo tsa manyalo go sena dipoelo tse di nametsang,mme ka jalo a simolola go roka paka ya dikole.

O supile fa kgwebo ya gagwe e ne ya itshetlela ya bo ya dira sentle fela thata ka a ne a simololwa go abelwa di tender tsa go rokela dikole paka ke khansele ya ba ba ba thusiwang ke puso,mme a supa fa mo nakong eno kgwebo e tsweletse ka go supa kgolo.

A re lenaneo le, le dirile pharologanyo e ntsi mo botshelong jwa gagwe,ebile ke ene a tshetsang ba lelwapa la gagwe, mme a rotloetsa balekane ba gagwe go tlhabolola matshelo a bone boemong jwa go ganelela mo lenaneong la Ipelegeng le le diretsweng go thusa batho ba ba seng mo meberekong go bona se ba ka itshetsang ka sone.

Monana mongwe, Rre Kagiso Kasefitlhela yo a thusitsweng ka lenaneo le ebile a butse kgwebo ya thuo ya dikgomo ya leina la Ikemela Farm o ne a leboga lenaneo le fela thata ka le mo ntshitse mo lehumeng,a kaya fa a na le moraka wa dikgomo tse di masome mabedi le bone.

A re e sale a fiwa dikgomo tse,o tshwere ka thata go di tlhokomela ka e le jone botshelo jwa gagwe,mme a supa fa di tsweletse ka go ata ntswa go na le kgwetlho ya malwetsi a leruo.

O ne a kopa puso go tswelela e thusa banana ka lenaneo la YDF gore ba itshimololele dikgwebo ka kgang ya letlhoko la ditiro e tsentse tlhako kgamelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 22 Feb 2015