Mokgatlho o lwantsha kgokgontsho
22 Feb 2015
Mokgatlho oo itebagantseng le go lwantsha kgokgontsho ya bong kwa motseng wa Sebina o itemogetse koketsego ya dipalo tsa baikuedi ba ba kgokgontshiwang.
Mokgatlho oo wa Kagisano Society Women’ Shelter, o tlhamilwe ka maikaelelo a go lwantsha kgokgontsho, go sidila maikutlo ga mmogo le gone go thusa bao ba ba sa kgoneng go ikuela tebang le tsa kgokgontsho go hupuloga, go kopa dithuso nako e sale teng.
Mo potsolotsong le lekalana la BOPA mogakolodi kwa mokgatlhong oo, Mme Valentine Tendani, o tlhalositse fa go santse go le thata gore bone ba ba amiwang ke kgokgontsho ba tle go ikuela ka ba tlhajwa ke ditlhong tsa gore ka moso setshaba se tla ba leba e le batho ba ba ntseng jang ba bas a sisimogeng go baa mathata a bone mo mpaananeng go itsiwe ke setshaba.
A re fa bangwe ba santse ba boifa gore bone bakgokgontsi ba bone fa ba ka utlwa gore ba ikuetse ba tla tsaa dikgato tse di duleng mo tseleng di akaretsa go ba gobatsa kgotsa gone go ba gapela botshelo.
A re setshaba se santse se le maoto a tshupa go dirisa dithuso tsa bone le fa go ntse jalo a supa fa ngwaga ono go tokafetse.
A re fa e sale ngwaga o simologa ba bone baikuedi ba le supa mme e bile o dumela fa go nale ba ba santseng ba tla ikatumetsa.
O ne a tlatsa ka gore mo dipalong tse ba setseng ba di gatisitse go supagala fa go ikuela bomme thata fa borre bone ba ikanya go swela fela ka fa teng.
Mme Tendani o supile fa go le gantsi batho ba tla go ikuela fela morago ga go anywa dithuto tse ba di tshwarang e ka tswa e le mo dikgotleng, dikokelwaneng kgotsa kae fela kwa setshaba se kokoanang teng.
A re mo motseng wa Sebina kgokgontsho e bomme ba le bantsi ba kopanang le yone ke ya dikiteo fa borre bone ba itemogela ya kgobero maikutlo e ka tswa e le ditlhapa go tswa mo bakapelong ba bone kgotsa dipuo dipe fela tse di sa jeseng pelo monate.
O tladitse ka gore ba dirisanya thata le kgosi, mapodisi le bo mmaboipelego go ba thusa fa ba retelelwang teng.
Mme Tendani o tsweletse ka gore mo kgokgontshong e mo go yone go nang le matshosetsi a dipolaano ba thusa ene yo o tshosediwang ka go mo sireletsa; selo se a supileng fa ba se dira ka go fa motho wa go nna jalo botshabelo jwa nakwana.
A re batho bao gape ba fiwa dithuso tsa tshidilo maikutlo, a supa fa thuso ya bonno jwa nakwana yone e bonwa kwa lekalaneng la mokgatlho wa bone le le kwa Gaborone.
A re thata thata borre segolo jang ba ba nang le bana ka kwa ntle ga lenyalo bone ba sokodisiwa ke bomma bana.
A re bomme ba itsa borre go tlhola bana ba bone ga mmogo le gone go tsalana le bone ka tsela epe fela.
O supile fa bomme gantsi ba kgona go dirisa bana go sotla borre fa lorato le setse le fedile.
A re se ba se lemogileng ke gore gantsi borre ba gatisiwa legala ka go gogelwa fa pele ga molao gore ba tlhokomelele bana kwa ga mmakaseterata le ntswa ba ne ba ntse ba tlhokomela bana sentle.
Ka borre gantsi ba tshaba go ikuela fa ba kgokgontshiwa ke bomme, a re ba kgona go felela ba a swa senku fela bas a kope thuso gope.
A re go tsibosa borre ka botlhokwa jwa ditirelo tsa mokgatlho wa bone e ne ya re bosheng ba tlhama komiti e e tla bong e itebagantse le dikgang tse di amang borre.
E rile a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti eo, Rre Mogogi Sinombe o tlhalositse fa a dumela fa komiti eo e tla sologela borre ka bontsi molemo ka ba tla kgona go phuthologa fa ba kopane ka bobone.
A re ba tla thusana go nonotsha borre ba bangwe, go ba tshegetsa le go ba bontsha tsela e e siameng.
A re o solofela fa borre ba tla emisa go tsaa ditshwetso tse di sokameng fa ba nale mathata, a supa fa go ipeela mathata mo pelong go sa siama ka go ama le jone botsogo jwa motho mme e bile gape go ka baka le tsone dipolaano tsa baratani.
A re o dumela gape fa borre ba tla kgona jaanong go ikgolaganya le mokgatlho wa Kagisano ka ba tla bo ba kopana le borre ba bangwe.
Rre Sinombe a re e le mokgatlho ba ikaelela go tsaa malebela mo mekgatlhong e mengwe e e lwantshang kgokgontsho go thusa go e emeisa gotlhelele mo motseng wa Sebina.
Mokgatlho o, o okametse gape le metse wa Nshakashogwe le Marobela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : SEBINA
Event : Potsolotso
Date : 22 Feb 2015






